Tsayang thuto ya bana tsia
18 Mar 2019
Banni ba Sedie ba kopilwe go tsaya thuto ya bana ba bone tsia ka thuto e e ka tlhabolola botshelo jwa motho.
Se se builwe bosheng ke mogokgo wa sekole se sebotlana sa Mathiba Rre Noah Kebafitlhetse mo phuthegong ya batsadi le barutabana.
Rre Kebafitlhetse o kaile fa go le botlhokwa gore batsadi ba tsee thuto ya bana tsia ka gore seo se ka rotloetsa bana le bone go e tsaya ka tlhoafalo.
A re batsadi ba ga ba a tshwanela go baya fela mo barutabaneng.
O kopile batsadi go tlhokomela dibuka tsa bana, go lomagana le barutabana ba bana ba bone le gone go duela madi a ditlhabololo magareng ga tse dingwe.
Mogokgo o tlhalositse fa puso e dirisa madi a mantsi go reka dibuka tsa bana le didirisiwa tse dingwe tsa thuto, ka jalo batsadi ba tshwanetse ba thusa.
A re ba kopana le dikgang tsa bana ba ba tsenang ka lenga la seloko morago ga go fiwa dibuka, mme seo e nne tatlhegelo e tona mo pusong.
Rre Kebafitlhetse a re tirisanommogo magareng ga morutabana le motsadi ke yone e e ka dirang gore go kgonwe maikaelelo a tokafatso maduo a bana.
O kaile fa batsadi ba tshwanetse ba rurifatsa gore bana ba bone ba goroga kwa sekoleng.
A re ba tle ba amogele dikgang tsa bana ba ba emelelang kwa malwapeng ba re ba ya sekoleng mme ba ikele go sele.
Mogokgo o kaile fa bana ba sekole ba ba dirang sentle ba felela ba tswelela sentle le botshelo, mme seo se fokotse dipalo tsa dirukutlhi tse di sa robatseng botsadi le mapodisi.
“Go na le sekgwa fa gare ga sekole sa rona le se segolwane sa Sedie, ga twe bana ba rona ba tlhola ba iphitlhile mo go sone ba sa tle dithutong.
Go kaiwa fa batsadi bangwe ba itse ka seo mme ga ba re begele sepe,” ga bua mogokgo.
Rre Kebafitlhetse o ne gape a gakolola batsadi go bona gore ba bua eng ka morutabana fa pele ga bana, ka gore bana ba sekole ba nna ba ba bolelela tse di buiwang ke batsadi ka bone, a kaya fa seo se sa siama ka se ka senya botsalano jwa bone le batsadi.
Fa a tswa la gagwe, mogokgo wa sekole se segolwane sa Sedie, Mme Senatla Mokobela o ne a iteela mafoko ao moroko, a kaya fa go tlhoka go tlhokomelwa ga dithoto tsa sekole, bogolo jang dibuka, go tshwenya mo dikoleng ka bontsi.
Mme Mokobela o ne a rotloetsa batsadi go nna ba lebelela dibuka tsa bana fa ba tswa sekoleng go bona gore ba dira jang mo dithutong.
O kopile batsadi go tsena diphuthego tsa batsadi le barutabana, ka di ba fa sebaka sa go ntsha megopolo e e ka thusang go tlhabolola thuto ya bana le gone go ba thusa go rotloetsa botsalano fa gare ga bone le barutabana.
“Kgolagano fa gare ga lona le barutabana ke yone fela e e ka solegelang bana ba lona molemo, mme fela seo se ka kgonagala fa le ka tsena diphuthego tsa batsadi le barutabana,” a tlhalosa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Uzeuavi Mbaeva
Location : MAUN
Event : Phuthego ya batsadi le barutabana
Date : 18 Mar 2019




