Breaking News

BOCAIP e kgothatsa Badumedi

17 Mar 2019

Lekgotla la BOCAIP le kopile baruti le Bakeresete go rapela go lwantsha mogare le bolwetse jwa AIDS.

Se se builwe kwa bokopanong jwa maloko le dikereke tse di farologanyeng kwa Serowe bosheng.

Ba boletse fa ba tshwenyegile thata ke go gola ga dipalo tsa batho ba ba amilweng le ba ba tswelelang ba amiwa ke mogare wa HIV.

Modulasetilo wa BOCAIP kwa Serowe, Mme Tumalano Monamodi a re ka thapelo, mmaba HIV o ka fenngwa.

Mme Monamodi a re puso e leka ka tsotlhe go lwantsha segajaja mme dipalo ga di fokotsege.

O kopile gore Bakeresete ba ikokobetse ba obamele Modimo ka thata ba sa boele morago.

A re dithapelo tse di tseneletseng ke tsone fela ba ka kgonang bolwetse jo bo apesitseng lefatshe kobo ka letshoba.

O kopile baruti go sokolola morafe go ikgapha mo tlhakanelong dikobo e e sa sireletsegang.

BOCAIP a re e bopilwe ka maloko a dikereke ka go farologana morago ga go bona setshaba se nyelela.

A re dithuso tsa mahala di dintsi kwa lekgotleng la bone mme ba tlhatlhoba mogare mahala, ba sidila maikutlo a banyalani le go tlhokomela dikhutsana ga mmogo le go sokolola banana ba ba inaakantseng le ditagi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : SEROWE

Event : bokopano jwa maloko le dikereke

Date : 17 Mar 2019