Breaking News

Ba-na-le bogole ba ka nna bagwebi

17 Mar 2019

Makalana a a ka fa tlase  ga lephata la papadi le madirelo a tsere matsapa a isetsa ba-na-le bogole  ditlamelo e le tsela ya go ba kgothatsa go tsena mo dikgwebong.

Fa a bula semmuso dithuto- puisanyo tseo kwa Selebi Phikwe ka Labobedi, molaodi Rre Mokgethi Nfila o lebogile ba lephata la papadi le madirelo go nna le seabe mo go ruteng  ba-na- le bogole ka tsa kgwebo, ka se se ka dira gore ba nne le seabe mo tlhabololong ya lefatshe.

Rre Nfila o ne a gatelela gore ba-na-le bogole ba na le seabe mo kgolong ya itsholelo ka mo nakong ya gompieno ba supile fa ba na le botsipa jwa go tsamaisa dikgwebo.

O tlhalositse fa Selebi Phikwe a setse a alositse dikgwebo tsa ba-na- le bogole  di le lesome le borataro.

O ne a supa fa palo ya batho ya 2011 e supa fa ba-na-le bogole mo lefatsheng leno ba le 59 103, mme a tlhalosa fa bo-na-le bogole bo sa itse ope go ka akola mananeo a puso a maikaelelo a one e leng go tlhabolola botshelo jwa Batswana.

O ne a supa fa letlhoko la ditiro le tshwenya, mme go tlhoka gore ba-na-le seabe ba tshwaragane go tswa ka maano a go tlhama mebereko.

E ntse e le kwa thuto-puisnyong  eo, Mme Mpho Lucas, yo e neng e le morulaganyi mogolo wa tiro eo, o supile fa lephata la papadi le madirelo le eme ka dinao go bona gore ba-na-le bogole ga ba bewe ka fa mosing.

Mme Lucas o supile fa maitlamo a lephata e le go bona ba-na-le bogole ba na le dikgwebo tse ba ka itshetsang ka tsone, ka se se ka fokotsa dipalo tsa batho ba ba thusiwang ke puso.

Fa a tswa la gagwe, Mme Matshidiso Mpayang go tswa kwa go ba kwadiso dikompone, o rotloeditse batsena phuthego go tlhama dikompone le go di kwadisa ka fa molaong, a supa fa e tlaa re ka Seetebosigo kwadiso ya dikompone e bo e  dirwa ka maranyane.

Mme Mpayang a re mabaka a go dira jalo ke go fokoletsa batho mosepele wa go ya go kwadisa dikompone kwa Francistown, a tlatsa ka go re  kompone nngwe le nngwe  e e mo tirisong e tshwanetse go kwadisiwa, a supa fa le tse di setseng di kwadisitswe di tlaa bo di kwadisiwa  sesha.

O ne a supa fa puso e tsere tshwetso ya gore melala ya dikoloto e tlaa re mo kwadisong sesha e bo e seegelwa kwa thoko, kana e phimolwa, mme a kopa setshaba go dirisa monyetla wa go nna jalo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : dithuto - puisanyo

Date : 17 Mar 2019