Breaking News

Ba Phikwe ba ipaakanyetsa go keteka Ko Chomeleng

17 Mar 2019

Banni ba Selebi Phikwe ba ipaakanyetsa moletlo wa ngwao o o itsegeng ka, Ko Chomeleng Cultural Festival.

Moletlo o, o tlaa tshwarwa ka setlhogo se se reng, Tshomarelo Ngwao e ka Thusa go Kabakanya Itsholelo.

Morulaganyi wa moletlo, Rre Tshepho Tsela yo e leng moetedipele wa setlhopha sa Kala tsa Kgale, o boleletse BOPA fa dingwe di tokafaditswe mono ngwaga.

Rre Tsela a re moletlo o, o fudusitswe kwa lebaleng la ditshupo la Selebi Phikwe mme o tlaa tshwarwa Moranang a le 27 kwa St Anne Adams Park.

A re go solofetswe fa tona wa lephata la tlhabololo banana metshameko le Ngwao, Rre Tshekedi Khama e tlaa nna molalediwa wa tlotla.

O tlhalositse fa go tlaa nna le mmopelela wa dikoloi kwa batho ba tlaa bong ba apere kapari ya Setswana.

Rre Tsela a re moletlo o ba o tshwaraganese le lephata la banana, khansele ya Selebi Phikwe le SPEDU mme o kgaogantswe ka dikarolo tse pedi.

Karolo ya ntlha a re go tlaa nna le mmino wa ngwao o o sa tswakanngwang ka diletso tsa segompieno fa ya bobedi e tlaa nna mmino wa setso o o tswakantsweng ka diletso tsa segompieno mme go solofetswe ditlhopha di tshwana le Culture Spears, Dikgosi tsa Ngwao, Sediba sa Ngwao le Poo tsa Pina.

Rre Tsela o tlhalositse fa go tlaa nna le nako e borre le bomme ba tlaa amoganang maele ka dikgang tse di amang matshelo a bone.

A re borre ba tlaa nna le dikgaisanyo tsa mhele mme mofenyi o tlaa ikgapelang P500 fa maemo a bobedi e tlaa nna P250.

Bomme bone ba tlaa tshameka koi, dibeke le tse dingwe.

Rre Tsela o tlhalositse fa go tlaa bo go rekisiwa dijo tsa Setswana fela.

A re maikaelelo ke go dirisa madi a a tlaa bong a kokoantswe go thusa makgotla a bopelotlhomogi le batho ba ba tlhokileng lesego.

O rotloeditse banana go tla moletlong ka bontsi go tla go ithuta ka ngwao. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kago Kgosietsile

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Potsolotso

Date : 17 Mar 2019