Batswana ga ba bale - Sekai
17 Mar 2019
Kgosi Segale Linchwe a re o tshwentswe ke gore bontsi jwa Batswana ga ba bale dibuka tse di kwadilweng ke baeteledipele ba bone gammogo le Batswana ka kakaretso.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Kgosi Segale o tlhalositse fa a sale a kwadila buka e e gatisitsweng ka 2011 e e buang ka ngwao le ditso tsa bogosi jwa Bakgatla.
Setlhogo sa buka e ke Nkgwana ya Mokgako, e kwadilwe ka Setswana, mme Kgosi Segale o supile fa a sale a e abetse dikole tse dikgolwane mo Kgatleng, mme le gompieno ga go na ope yo o boetseng kwa go ene go supa fa a badile e bile a tlhaloganya buka e.
“Ke kwadile buka e go ruta batho ka ditso tsa bogosi jwa Bakgatla, mme ga go na ope yo o boetseng kws go nna go tlhalosa fa buka e e ba tswetse mosola kgotsa jang,” kgosi Segale a tlhalosa.
A re go maswabi go bona Batswana ba sa itse ditso tsa bogosi jwa bone, mme go na le dibuka tse di kwadilweng go ruta batho ka kgang e.
Kgosi Segale o ne a supa gore buka e e sedimosa ka botlalo thulaganyo ya bogosi jwa Sekgatla go tswa bokone jwa Transvaal go ema kwa Moruleng.
“E tswelela gape e supa malwapa a bogosi ka go farologana gore mang o tsholwa mo lelwapeng lefe.
E boa gape e sedimosa maboko a a farologanyeng a dikgosi tsa Bakgatla le diane tsa Sekgatla,” Kgosi Segale a tswelela.
A re buka e gape e bua ka metsana ya Bakgatla le mephato le baeteledipele ba yone.
O supile gore ditso le ngwao ya bogosi jwa Bakgatla di tletse lobebe lwa kitso e e sa tshwanelang go nyelela gore dikokomane tse di tlang di itse gore Bakgatla ba tswa kae e bile ba ya kae.
“Re na le dikgoro tse tlhano tsa Bakgatla, mme ba le bantsi ga ba di itse. Dikgoro tse di tlhomagana jaana; Kgosing, Morema, Mabodisa, Tshukudu le Manamakgote.
A batho ba reke buka e ba bale,” ga bua kosi Segale.
O supile fa buka e e ka bonwa kwa motlobong wa ditso wa Puthadikobo mme gape batho ba ka e tlhola kwa Gaborone, Maun le Lobatse Book Centre.
Kgosi Segale o ne a leboga ba lephata la banana go bo ba mo thusitse ka madi a go gatisa buka.
Fa a galaletsa Kgosi Segale, Dr Christian Makgala, motlhatlhelela dithuto yo mogolwane kwa Mmadikole a re Morena Segale o tshwanetse go galalediwa thata gore a bo a tsere matsapa a a kanakana go kwala bukana.
A re Kgosi Segale ke mongwe wa baeteledipele ba morafe wa Bakgatla-ba-ga-Kgafela mo Mochudi e bile ke mongwe yo o nang le kitso ka ditso le ngwao ya Sekgatla.
O ne a supa gore kitso ya ga Morena Segale mo ditsong le ngwao ya Sekgatla ke ya maemo a ntlha e bile o supile fa a rata ngwao ya Sekgatla le Setswana ka pelo ya gagwe yotlhe.
Dr Makgala o tlhalositse fa buka eo e le motlhofo go balwa e bile e tlaa sologela baithuti ba ditso le ngwao ya Sekgatla le Setswana ka kakaretso molemo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Omphile Ntakhwana
Location : MOCHUDI
Event : Potsolotso
Date : 17 Mar 2019



