Komiti e lela ka tlhaelo ya bodiredi
17 Mar 2019
Komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Takatokwane kwa kgaolong ya Kweneng ya re go na le letlhoko la bodiredi jo bo farologanyeng kwa motseng wa bone le mororo ba na le lefelo le diofisi ka bontsi di ka le dirisiang la service centre.
E ne ya re ba lekodisa BOPA mo potsolotsong ka matshwennyego a bone, mongwe wa maloko a komiti eo Mme Magedaline Modisaotsile a tlhalosa fa mo nakong eno, service centre e na le ofisi ya boipelego, ofisi ya molemisi le ya banana.
O ne a tlhalosa fa ba kile ba kopa gore ofisi ya Omang e tle mo lefelong leo ka e ka thusa go kgaola mosepele o banni ba o tsayang go ya go nchafatsa bo Omang ba bone kwa Letlhakeng.
A re mosepele o moleele go le gantsi o ketefalela bagodi.
Mo go tse dingwe, Mme Modisaotsile o ne a supa fa motse wa bone o na le letlhoko la boroko jwa badirelapuso.
O kaile fa bangwe ba badiri ba sekole sa Mahupu Unified, kokelo le ba sekole sa tiro ya diatla ba Kweneng Bophirima ba sena boroko jo bo siameng.
O ne a tswelela ka go supa fa dipalo tsa badiri ba lenaneo la Ipelegeng di sa lekana.
A re ba fiwa go hira batho ba le 88, mme mo kgweding go kgona go sala batho ba ba sa hirwang ba lekane dikgwedi tse tharo.
E ne ya re a ama mananeo a nyeletso lehuma, Mme Modisaotsile a supa fa kwa motseng wa bone a simolotse ka 2013.
A re bangwe ba baikopedi ba ne ba atlega mo dikopong tsa bone ba bo ba isiwa dithutong mme le gompieno ga ba ise ba bone dithuso.
O supile fa tiego ya mananeo a nyeletso lehuma le la LIMID a dia ditlhabololo tsa motse le go ka itirela ga banni ba lesa go ikaega ka puso go ba jesa.
O ne gape a supa fa banana ba motse ba le bantsi ba sa akole lenaneo la go thusiwa ka madi go simolola dikgwebo la Youth Development Fund, a kaya fa le tswalela bangwe ba santse ba leka go tlatsa difomo tse a reng ga di motlhofo mo go bone.
Mme Modisaotsile a re ka lenaneo la go thusa dikgaolo ka P10 million ka ngwaga wa 2017/18, ba ne ba filwe go baakanya matlo a boroko a le mane le go dira lefelo la marekisetso a dithoto le a reng ga le ise le dirwe mo nakong eno ka rakonteraka a ne a ikgogela morago.
O ne a tlhalosa fa ka ngwaga wa 2018/2019 ba ne ba filwe go gokelela motlakase matlo a boroko a LA2, fa mo ngwageng wa 2019/2020 ba filwe go agelwa ntlo ya boroko ya LA2 e le nngwefela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Jacob Obotseng
Location : TAKATOKWANE
Event : Potsolotso
Date : 17 Mar 2019




