Dikotla motheo wa kgolo ya ngwana
14 Mar 2019
Moitseanape wa dijo kwa lephateng la botsogo kwa Palapye, Mme Malebogo Ramaano, a re dijo tse di nang le dikotla di botlhokwa thata mo kgolong ya ngwana.
Fa a bua mo potsolotsong morago ga thuto seka puisanyo ya go ruta ka tlhokomelo ya ngwana kwa Palapye bosheng, Mme Ramaano o boletse fa go ja dijo tse di nang le dikotla go se turu jaaka go ka solofelwa.
A re ngwana o tshwanetse go ja dijo tse di nang le mefuta e meraro ya dikotla tse e leng dijo tse di agang mmele, tse di fang nonofo le tse di sireletsang mo malwetseng.
O tlhalositse fa se, se ka dira gore ngwanaa a gole a itekanetse mo mmeleng le mo tlhaloganyong.
O kaile gore go fa bana dijo tse di nontshang go ka felela go ba senya mmele, le gone go ba bakela malwetse a a sa tshelanweng jaaka ja sukiri le madi a matona.
“Bana ba tshwanetse go rutwa go ja dijo tse di siametseng mebele ya bone le go ba fokoletsa tse ba di ratang thata tse di sukiri e ntsi. Ba tshwanetse go ja sukiri ya maungo ka gore yone e siametse botsogo jwa mmele,” Mme Ramaano a tlhalosa.
Mo go tse dingwe, mooki wa balwetse ba tlhaloganyo kwa Palapye, Mme Kelebogile Montsho o kaile fa bana ba ba amilweng ke bolwetse joo ba tshwanetse go emelwa ka dinao ka mo dinakong tse dintsi ba sa itse tse ba di dirang.
Mme Montsho a re go na le batsadi ba ba beileng bana fela mo thupeng, gona le gore ba ba ele tlhoko le gone go ba ithuta fa ba ntse ba gola.
“Motsadi o tshwanetse go ipha nako a ithute ngwana wa gagwe a tle a kgone go mo laola le go mo gakolola fa go tlhokegang teng go na le go mmeletsa ruri fa a tlhoka tsebe. Dilo dingwe tsa bodidi jwa bana di dirwa ke ma lwetse mangwe a tlhaloganyo mo ngwaneng,” mooki a tlhalosa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kealogile Diloro
Location : PALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 14 Mar 2019




