Breaking News

Komiti ya ditlhobololo e aga ntlo

14 Mar 2019

Komiti ya ditlhabololo kwa Salajwe kwa kgaolong ya Kweneng e itlamile go nna le seabe mo ditirong tsa bopelotlhomogi.

Komiti ya re e ikaelela go agela mongwe ntlo ya dikamore tse pedi.

Mothusa modulasetilo wa komiti eo, Rre Ramagakabe Mosiiwa, o boletse mo potsolotsong fa ntlo e ba ithaopetseng go e aga e tsweletse mme keletso ele gore fa paka ya bone e wela kgwedi e tlang ba bo ba e feditse.

O supile fa maitlamo a bone ele go thusa go fa ba bangwe  seriti.

O ne a tlhalosa fa ba aga ntlo eo ka go itlhaopa ga maloko aa ntshang se a nang le sone.

Fa  ama tsa lenaeo la Ipelegeng, Rre Mosiiwa o kaile fa dipalo tse ba di fiwang tsa go hirela lenaneo leo  di le dipotlana. 

O tlhalositse fa motse o ka hira batho ba le masome a ferabongwe le botlhano, fa masimo a Kolojane le Mosime a fiwa palo ya masome a mararo le botlhano mangwe le mangwe go hirela lenaneo la Ipelegeng.

E ne ya re a ama lenaneo la go thusa go tlhabolola dikgaolo la madi a P10 million, mothusa modulasetilo wa komiti a tlhalosa fa e ne ya re ka ngwaga wa 2017/2018 ba fiwa go aga matlo a boroko a LA1 a le mararo le go agelwa maobo a mabedi a dikgotlana.

A re mo ngwageng wa 2018/2019 ba ne ba kopile go agelwa ofisi ya poso a supa fa ba solofeditswe fa e tla simololwa go agiwa mo bogaufing.

A re ofisi ya poso e tla thusa ka nako ya go amogela dikatso tsa bagodi le babereki ba Ipelegeng.

Rre Mosiiwa o ne a tlhalosa fa mo ngwageng wa 2019/2020 ba solofeditswe go tsenyediwa dipone tsa mo mekgwatheng di le pedi go thusa go bonesa motse, a supa fa di tla thusa thata mo go direng lesedi fa gantsi dirukutlhi di ratang go iphitlha teng bosigo mme ba amoge banni dithoto tsa bone.

A re mo ngwageng o wa madi batla agelwa matlo a boroko a kamore tse pedi kana LA2 a le mabedi le go gokela a le matlhano a komiti motlakase.

O supile fa selelo sa bone ele tsela e tswang kwa motseng wa Letlhakeng e ya kwa Kaudwane e mo nakong eno e tshetsweng lekgarapana.

 A re ba eletsa fa e ka tshelwa sekonotere go fefosa mesepele ya banni ebile e ka thusa le gore ditlamelo di goroge ka bonako. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Jacob Obotseng

Location : SALAJWE

Event : Potsolotso

Date : 14 Mar 2019