Mogolwane o kgala baruti ba ba tlhotlheletsang kanamo ya mogare wa HIV
13 Mar 2019
Mogolwane wa komiti ya District Multi Sectorial AIDS Committee (DMSAC) kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa, Mme Cathrine Molomo, o kgadile baruti bangwe ba a reng ba tlhakanela dikobo le maloko a kereke ba sa itshireletsa.
O buile jalo kwa bokopanong jwa makgotla a dikereke kwa Khuis bosheng.
Moono wa phuthego e, e ne e le go ngathogana maele a gore dikereke di ka thusanya jang le puso go fokotsa dipalo tsa mogare wa HIV.
Mme Molomo a re maitsholo a baruti bangwe a busetsa kwa morago maiteko a puso a go fedisa kanamo ya mogare.
A re mo Botswana otlhe ka bophara, go na le batho ba le 380 000 ba ba tshelang le mogare mme ba nwa di diritibatsi.
Mme Molomo o supile gore seemo se bifela pele ka dipatlisiso tse di dirilweng ke lekgotla la UNAIDS di supa fa go na le dipalo tsa batho ba basha ba ba tsenwang ke mogare ka letsatsi.
A re dipalop tseo di oketsegile ka bone mo lekgolong mo bananeng ba dingwaga tse di fa gare ga 15-35.
A re se, ke seemo se se sa emang sentle mme se tlhotlhelediwa ke go tlhoka go fetola maitsholo ga batho.
O ne a kgala batho ba a reng ba ba iteseletsa fela ka ba itse gore diritibatsi di teng.
Mme Molomo a re mo maitekong a go lwantsha HIV/AIDS, lekalana la National AIDS Coordinating Agency (NACA) le le ntseng le tshwere namane e tona ya tiro ya go lwantsha mogare jaanong le tlaa fetolwa leina go akaretsa le malwetse a a sa tshelanweng a go lemogilweng gore ke diathoteng le HIV/ AIDS go nna ka fa tlase ga lephata la Merero ya Ofisi ya ga Tautona, Tsamaiso Puso le Bodiredi kgwedi ya Moranang a rogwa monongwaga.
E re lentswa go ntse jalo, Mme Molomo o supile fa puso e tsweletse ka maiteko a go fedisa mogare ka go diragatsa lenaneo la mafatshe fatshe la ‘Treat All’ le e leng gore fela fa motho a sena go tlhatlhojwa a bo a fitlhelwa a na le mogare o tsaya diritibatsi mo nakong e khutshwane.
Mme a supa fa se, se fokotsa gore masole a motho a mmele (CD4 count) fekeetswe ke malwetsi a mangwe a a leng dia thoteng le mogare wa HIV/AIDS.
A re pele, ba botsogo ba ne ba emela gore CD4 count ya motho e nne 250 go ya tlase pele ba ka mo tsenya mo lenaneong la diritibatsing.
Mme Molomo a re puso tlile ka mananeo a tshwana thibelo kanamiso ya mogare go tswa ko go mmangwana go ya ngwaneng (PMTCT).
E rile a mo kgwa dikgaba, moeteledipele wa lekgotla la boruti mo Khuis, moruti Thutego Mereyabone o ne a kgala a sa kgwe mathe baruti ba a reng ga se ba nnete ka ba tsietsa phuthego ba re ba ka fodisa mogare wa HIV/AIDS.
“Re utlwa ka podi ya tsela gore go na le bangwe baruti ba ba rayang batho mo diphuthegong ba re ke dingaka ba ka alafa bolwetsi. Re fa re le baruti go tla go kgalema ka lentswe le le nonofileng gore motho mongwe le mongwe o neilwe tshwanelo ya gore fa a na le dithata dingwe a di supe fa pele ga molao,” a bua jalo.
Phuthego e e ne e simologile ka mogwanto o eteletswe pele ke kgosi ya Khuis, Rre Bothata Botsheleng, baeteledipele ba dikereke mo Khuis, baemedi go tswa mo lephateng la tsa botsogo, masole le baphuthegi ba dikereke.
Kokoano e e ne e tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng, “Seabe sa kereke mo go emeng puso nokeng kgatlhanong le bolwetsi jwa HIV/ AIDS.” BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : KHUIS
Event : Bokopano
Date : 13 Mar 2019




