Madi a dikatso ga se one tsela fela
13 Mar 2019
Tona wa dipalamo le ditlhaeletsano, Mme Dorcas Makgato, o gakolotse maloko a Botswana Teachers Union (BTU) go batla metswedi e mengwe ya itshetso go na le go ikaega fela ka dikatso tsa kgwedi le kgwedi.
Mme Makgato o ne a bua kwa moletlong wa maloko a BTU go keteka letsatsi la boitekanelo kwa Sefhare bosheng.
O ne gape a kgothatsa maloko go tlhabolola dithuto tsa bone go na le go baya mo mohiring wa bone.
A re fa ba tsene dithuto tse di farologaneng, ga ba na go batla ditiro mme ditiro ke tsone di tlaa ba batlang ka dikhamphane di tlaa kgatlhegela dithuto tse ba di dirileng mme di ba laletse tiro.
O rotloeditse maloko go nna pharologanyo mo bontsing jo bo leng teng gore ba kgone go atlega mo botshelong.
Mme Makgato yo ebileng gape e le mopalamente wa Sefhare/ Ramokgonami o ne a rotloetsa bomme go ikemela ka dinao.
A re ba tshwanetse ba ipona e le batho fela jaaka motho mongwe le mongwe mme ba gatele pele e le batho ba ba itshepang.
A re ka fa motho a ikayang ka teng go botlhokwa mme fa a gatelela mo go reng ke mosadi, o tlaa boela kwa morago.
Mme Makgato a re mo botshelong motho o tshwanetse a nne le tsamaiso ya gore o tlaa tsamaisa jang lenaneo la madi.
A re bangwe ga ba na lenaneo leo mme ba felela ba tlogela ditiro ba bo ba tsaya madi a a kabong a ba tshetsa fa ba tlogela tiro mme ba simolola botshelo sesha ka one.
O kgothaditrse maloko a BTU go nna le kwa ba bolokang madi teng mme ba sireletsege mo e kareng fa ba re ba tlogela ditiro ba bo ba sa lebe kwa morago ka ba tlaa bo ba itse fa ba na le madi a a sireletsegileng.
Mme Makgato a re go na le dikgwebo di le dintsi tse ba ka di dirang kwa ntle ga temothuo.
Mme Thandie Malebang yo e leng mokgothatsi o ne a gakolola maloko go nna le lenaneo ka madi a bone.
A re le fa motho a adima madi kwa bankeng, o tshwanetse go nna le lenaneo ka one e seng a a tsaya fela.
O tlhalositse fa madi a lebelela boitshwaro kana boitsholo jwa motho mme a bo a dira fela jaaka boitshwaro joo.
A re nako tsotlhe madi a batla diphatlha tse a ka tswang ka tsone mo mothong.
Mme Malebang a re motho ga a atshwanela go laolwa ke madi mme e tshwanetse e nne ene a laolang madi.
O ne a fa sekai ka bangwe ba a reng ba itumela thata fa e le letsatsi la go amogela mme e re madi ao a tsena ba seke ba itse gore ba dirile eng ka one.
Mme Malebang o gakolotse maloko go dirisa madi sentle mme ere ba sena go a dirisa ba itse gore madi mangwe le mangwe a ile kae kana ba a dirisitse eng.
A re fa motho a dira ga se lekgoba la tiro mo a felelang a amogela madi mme a bo a sa itse gore o dirile eng ka one.
O ba rotloeditse gore ba fetole ka fa ba ntseng ba leba madi ka teng a re bonyennyane jo motho a ka bo ipolokelang ke sengwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : SEFHARE
Event : Moletlo
Date : 13 Mar 2019




