Nyeletso lehuma e tlamela Sekao
13 Mar 2019
Ga se gantsi o ka fitlhela borre ba inaakantse le tsa kapei.
Le fa go ntse jalo, Rre Michael Sekao wa Mogoditshane ke mongwe borre ba se kae ba ba dirang kgwebo ya kapei.
Ene o gatetse pele ka go apaya chakalaka.
Rre Sekano, yo o dingwaga di masome a mane le bobedi, o ne a bona thuso ka lenaneo la nyeletso lehuma ka ngwaga wa 2018.
Maikaelelo e ne e le go tsweledisa lerato la gagwe la go dira kgwebo ya chakalaka e ae tsenyang mo mabotlolong a a haphegileng. O boletse fa a tswa kgakala a rata tiro ya go apaya ka jaana a kile a bereka ele moapei kwa oteleng ya Grand Palm.
Rre Sekao are chakalaka ya gagwe e santse e emetse maduo a tlhatlhobo go tswa kwa go NAFTEC, gore a kgone go e phatlalatsa le marekisetso ka go farologana.
A re mo nakong ya gompieno, e santse e rekwa ke batho ka sengwe ka sengwe, a tlatsa ka gore theko ya teng e a solofetsa.
O tlhalositse fa kgwebo ya gagwe y e tshepisa fela thata, ka jaana a na le maikaelelo a go e atolosa mme a re matshwenyego a gagwe ke go reka didirisiwa dingwe tse tlhwatlhwa ya tsone e leng kwa godimo thata.
Rre Sekao o rotloeditse Batswana ba bangwe go ema ka dinao go inaakanya le mananeo a puso a ka one motho a ka simololang kgwebo, go intsha mo lehumeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kelebogile Taolo
Location : MOGODITSHANE
Event : Potsolotso
Date : 13 Mar 2019




