Breaking News

Banni ba tshwenngwa ke seemo sa tsela

12 Mar 2019

Kgosi Samuel Ramotlabaki wa Gamodubu kwa kgaolong ya Kweneng, a re seemo sa tsela ee tsenang kwa motseng oo go tswa mo go ya Gaborone-Molepolole se ngomola pelo.

O boletse mo potsolotsong gore tsela eo ya dikhilomitara di le nne, ga e mo seemong se se siameng.

Kgosi Ramotlabaki a re sengwe se se ba kokonelang ke go tlhoka dipalamo tsa setshaba.

Kgosi a re bontsi jwa bana ba motse ba tsena dikolo tse dikgolwane kwa Mogoditshane, Gaborone le Molepolole ka jalo ba babalelwa ke mosepele go latela dipalamo kwa tseleng ya A12.

O ne gape a kaya fa gangwe le gape banni ba tlhaselwa ke dilalome. 

O supile fa dingwe tsa dikgang tsa dititeo le go kgothosiwa gone mo tseleng e e tsenang mo motseng tsone di setse di le mo go ba sepodisi.

Kgosi Ramotlabaki a re dikgang tsa borukutlhi di busetsa ditlhabololo tsa motse kwa morago ka jalo morafe o tshwanetse go tshwaragana go bo lwantsha.

O tlhalositse fa go santse go na le maidi a banana ba motse aa inaakantseng le go goga motokwane le go tlhoka tsebe selo se a kaileng fa se sa siamela isago ya bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Jacob Obotseng

Location : GAMODUBU

Event : Potsolotso

Date : 12 Mar 2019