Monana o rotloeditse batsadi go kgalemela bana
12 Mar 2019
Mongwe wa banana ba ba kileng ba ya kgolegelong, Rre Ofaletse Molebo, o rotloeditse batsadi go nna le seabe mo kgodisong ya bana ba bone.
Mo potsolotsong, Rre Molebo a re banana ba tsweletse ka go amega mo ditirong tsa borukutlhi jaaka bogodu, dipetelelo, dititeo le tse dingwe,.
A re seemo se, se baya batsadi ka fa mosing ka gore fa bana bao ba bonwa molato, ba sala mo kutlobotlhokong.
A re batsadi bangwe ga ba kgaleme bana ba bone fa ba lemoga gore ba inaakantse le ditiro dingwe tse di maswe, a re seo se dira gore bana bao ba tswelele le ditiro tseo mo go goleng ga bone.
A re batsadi bangwe ba na le go buelelela bana ba bone fa ba amanngwa le dikgang tsa borukutlhi kwa dikolong kana mo motseng, a tlhalosa fa seo se dira gore bana bao ba seka ba ipona molato kana ba ikotlhaa.
Rre Molebo a re batsadi ba tshwanetse go tshwaragana le puso go ruta bana ba bone ka dikgang tsa borukutlhi di tshwana kgokgontsho, gore ba seka ba inaakanya le tsone kwa dikoleng, lwapeng kana mo ditseleng.
O tlhalositse gore ka ele mongwe wa banana ba ba kileng ba ya kgolegelong ngwaga tse pedi morago ga go bonwa molato wa go gobatsa mohiri wa gagwe ka 2016, ga a eletse gore banana ba bangwe baka feta fa a fetileng teng.
Rre Molebo a re o dirile molato oo a gateletswe ke maikutlo, mme ka gone go setse go diragetse a lebagana le kgwetlho ya go sekela molato wa gagwe.
A re botshelo jwa kgolegelo ga bo monate ka go na le dikgwetlho di tshwana go kgokgontshiwa ke magolegwa a mangwe, mme seo se tsise khutsafalo e tona gammogo le le boikotlhao.
A re sebaka se motho a se tsayang a le kwa kgolegelong se mo senyetsa ditshono di le mmalwa jaaka go tswelela le dithuto tsa gago, go batla tiro ga mmogo le go nna kgakala le ba lelwapa.
O tlhalositse gore seo se dira gore motho a salele kwa morago, mme nako ya fa a tswa kwa kgolegelong, o fitlhela go le thata ka o tshwanelwa ke go simolola botshelo sesha.
A re fa motho le kwa kgolegelong ga a nne le sebaka sa go ja monate wa botshelo jaaka bankane ba gago ba ba seng kwa kgolegelong.
A re banana ba tshwanetse go ithuta go nna pelotelele fa ba kopana le dikgwetlho gore ba seka ba tsaya ditshwetso ba galeletswe ke maikutlo ka seo se ka dira gore ba seka ba tsaya ditshwetso tse di maleba.
A re molato fa o setse o diragaetse ga gona gore oka dirololwa, ka jalo modira molato o tshwanelwa ke go tsaa bokarabelo ka go atlholwa go ya ka fa sekaleng sa molato o a o dirileng.
O kopile banana go kopa thuso mo go ba ba maleba fa ba na le mathata jaaka ba boipelego, batsadi le ba ba sidilang maikutlo.
Le fa gontse jalo, a re sebaka se a se nnileng kwa kgolegelong se mo file tshono ya go ikaga sesha ka go ithuta ka tlhaloganyo ya motho, go ikanya Modimo ga mmogo le tiro ya diatla. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Nthabiseng Modise
Location : SALAJWE
Event : Potsolotso
Date : 12 Mar 2019




