Toro e ka aga isago ee phepa
12 Mar 2019
Baithuti ba sekole se segolwane sa Selebi Phikwe ba rotloeditswe go nna le toro ka isago ya bone.
Fa a buisa baithuti ba eleng maloko a mokgatlho wa Journey of Life ka Matlhatso, mogolwane wa moepo wa Karowe, Mme Tebalebo Ramothogobeng, o rotloeditse baithuti go nna le toro e e tlaa dirang gore ba tswe mo diemong tse ba leng mo go tsone.
A re bana ba ba iphitlhelang ba tshela mo diemong tse di thata ba seka ba letlelela seo go tsaya tshwetso ka isago ya bone.
Mme Ramothogobeng a re fa ba na le toro, ba ka kgona go ikinola mo diemong ba latela toro ya bone mme ba tsoge ba nna baeteledipele ba ba botlhokwa mo setshabeng.
A re fa ba ipaakantse go sa le nako, ga gona se se ka palang, a re nako ya ditlhatlhobo ngwana o kgona go diragalelwa ke sengwe se se ka mo itsang go bala mme fa a tswa kgakala a ntse a bala, ga a kake a retelelwa gona le ngwana yo o ntseng a sa ithute.
Mogolwane kwa ofising ya boipelego ya khansele ya Selebi Phikwe, Mme Cecilia Olefile, o rotloeditse bana go dira dibuka tsala, a ba a ba rotloetsa go bua le barutabana fa go na le sengwe se se ba tshwenyang.
Mme Olefile a re dikgetsi tsa kgokgontsho ya bana di dintsi fela thata ebile go a tshwenya gore tse dingwe di felela di sa begelwe ba sepodisi.
A re bana ba kgona go iphitlhela ba kgokgontshiwa ka tsa tlhakanelo dikobo ke batsadi mme e re ba re ba ikuela mo motsading yo mongwe, ba bo ba bolelelwa gore ba didimale ntswa go dira jalo go baka ntho mo ngwaneng.
Mongwe wa barutabana ba ba sedilang bana maikutlo, Mme Charity Ntenda a re sekole sa Selebi Phikwe se tsaya dikgang tse ka tlhwaafalo.
A re morago ga go lemoga botlhokatsebe kwa sekoleng seo, ba ne ba tla ka leano la go dira mokgatlho wa Journey Of Life go ruta le go aga bana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Puisanyo
Date : 12 Mar 2019




