Breaking News

Tebogo o ikanya segaba

12 Mar 2019

Rre Sekhosana Tebogo wa dingwaga tse masome a marataro le bosupa ga a ipone tsapa go supa bothakga ka seletso sa segaba.

Fa a bua mo potsolotsong, Rre Tebogo, yo o tlhwaelesegileng ka leina la ST, a re bodiragatsi jwa maloba bo santse bo saletse kwa morago ka banana ba inaakantse le go reetsa melodi e mesha ee tswakantsweng ka ya segompieno.

O boletse fa atswa bogologolong a letsa segaba, a tlhalosa fa a ne a se letsa thata kwa madisong.

A re botsipa jo, o bo amule mo go rraagwe yo a neng a letsa diporompeta kwa sesoleng bogologolo.

Rre Tebogo o tlhalositse fa e ne ya re ka ngwaga wa 2012 a sena go tlogela kwa a neng a direla teng kwa lephateng la temo thuo, a simolola go gagamatsa mo bodiragatsing seo e le go tsosolosa ngwao.

A re seo e ne ya nna toro ya gagwe ka ebile a rata puo ya Setswana le go tshameka ka mafoko e bile a tlhalosa fa mo malatsing a segompieno bodiragatsi jo bo tseelwa kwa godimo ka bo tshetsa batho.

Rre Tebogo o supile fa a letsa seletso se mo dikgaisanong ka go farologana jaaka dikgaisano tsa lephata la banana metshameko le ngwao, e bile gape o tsweletse ka go rotloetsa banana go tshegetsa ngwao ya setso gore e seka ya nyelela.  

O gwetlhile banana go tsosolosa mowa wa boipelego go itshetsa, a bo a kopa banana ba ba nang le keletso ya go ithuta go letsa segaba go ikgolaganya le ene go ba tlhatlhelela ka segaba.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Khumoyame Laetsang

Location : KANYE

Event : Potsoloso

Date : 12 Mar 2019