Seemo sa thobo ga se nametse
12 Mar 2019
Moanamisa mafoko kwa lephateng la temo thuo kwa kgaolong ya legare, Rre Clifas Kemiso, a re monongwaga thobo e tlaa nna kwa tlase ka balemi ba lebanywe ke dikgwetlho di le mmalwa.
Mo potsolosong bosheng, Rre Kemiso a re temo kwa kgaolong eo, ga e a tsamaya jaaka go ne go solofetswe ka ntata ya pula e neleng morago ga nako.
A re le ntswa bangwe ba ne ba tshwara bokgola, morago go ne ga tla sefako se se neng sa senya dijwalo.
Rre Kemiso a re palo ya balemi ngwaga ono, e oketsegile fela thata fa ba tshwantshanya le ya ngwaga o o fetileng, sebe sa phiri ya nna dikgoreletsi tse le tsone di leng di ntsi.
A re monongwaga, balemi ba le 5 022 ba lemile diekere tse 15 797,81 fa mo ngwageng o o fetileng balemi ba le 1 837 ba ne ba lemile 6345,41.
Moanamisa mafoko o ne a a tlhalosa fa temo ya gompieno e okeditswe ke gore lephata le ne le abela balemi dipeo go sa tshwane le ngogola fa ba ne ba fiwa dikhupone go phaka dipeo kwa mafelong mangwe a a neng a kgethilwe.
O supile fa monongwaga, lephata le ne la tshwanelwa ke go oketsa nako ya temo ka beke go fa balemi sebaka sa go lema. “Temo ya rona e nna e tswalelwa ka di 15 tsa ga Tlhakole, mme gompieno re feletse re e tswala ka di 22, go fa balemi sebaka sa go lema,” ga bua Rre Kemiso.
A re dikgaolo tsa Tutume, Mahalapye, Palapye, Tonota le Machaneng, e nnile tsone tsa ntlha go lema, mme ebile e le tsone tse temo ya tsone e neng e nametsa, fa dingwe tsa dikgaolo tseo di ne tsa tlhaselwa ke pula ya sefako e e bakileng tshenyo fela e e kwa godimo.
Kgaolo ya Palapye e nnile yone e amegileng thata ka dihekere tse 222,75, fa ya Machaneng go amegile 75, Mahalapye di le lesome. O supile fa tirafalo eo, e ne ya tlogela dijwalo mo seemong se se kwa tlase.
Rre Kemiso a supa fa ntlha e nngwe e nnile bothata jwa ditlou tse di sentseng masimo kwa dikgaolong tsa Gweta, Nkange, Maitenge, Phikwe le Boteti.
A re ditlou tseo di tlogetse balemi ba iphothere fela ka di bakile tshenyo e e kwa godimo. Moanamisa mafoko o ne a re mo bogompienong, go ka bo go setse go jewa letlhafula, mme a supa go ise go nne jalo ka dijwalo di santse di gola lebaka e le bokgola jo bo kwa tlase le letsatsi le le kwa godimo.
Rre Kemiso a re ntswa dijwalo tse di le mo seemong se se tlhobaetsang se, fa pula e ka na, dingwe tsa tsone di ka tsoga mme tsa phimola balemi dikeledi.
Kwa ntle ga letlhoko la pula, Rre Kemiso o supile fa seboko se se bitswang ‘fall army worm’ le sone se tshwenya balemi thata mo kgaolong ya legare.
O ne a kgothatsa balemi gore fa ba itse metlhale mengwe ya go thibela diji mo dijwalong tsa bone, ba e dirise, a ba a konotelela ka go gakolola balemi, go dira dijo tsa leruo ka dijwalo tse di sa golang sentle kana tse di suleng.
Mo potsolotsong, mongwe wa balemi ba masimo a Shashane, Rre Mosweu Ntwayagae o supile fa pula e tsere lebaka go na kwa masimong a bone, mme se sa baka gore ba leme morago.
O tlhalositse fa morago ga temo, pula e ne ya tsaya nako gape go kolobetsa bolema, a re bontsi jwa dijwalo tsa gagwe di santse di ise di gole, tse dingwe di korobetse, fa mmidi le ntshe tsone di sa ntse di feletse mo mmung.
“Re beile tshepho fela mo go Ramasedi gore pula e ne dijwalo tsa rona di tsoge,” ga tswalela Rre Ntwayagae. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Boitshwaro Keitseope
Location : Serowe
Event : Potsoloso
Date : 12 Mar 2019




