Molepolole o itebaganya le botlhoka tsebe
11 Mar 2019
Banni bangwe ba Molepolole ba re ga ba robadiwe ke dikgang tsa dipolao tse di ileng magoletsa kwa motseng oo.
Matshwenyego ao a senogile mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Kgosikgolo Kgari Sechele III bosheng.
Ba re dipolao dingwe di tlhotlhelediwa ke batsadi ba ba amogelang basimane mo malwapeng a bone ka ba re ke bo rraagwe bana.
Kgosi Kgolo Kgari III o kopile batsadi ba amegang go itsheka-tsheka ka gore seemo se se rotloetswa ke go tlhoka tsebe ga bana.
A re dipalo tsa mapodisi di supa gore mo ngwageng oo fetileng go nnile le dipetelelo le dipolao di feta lekgolo, dikgang tsa bogodu jwa leruo di le masome a ferabongwe le borataro le tsa ditagi di le masome a mane le borataro.
Nngwe ya ditiro tsa botlhoka tsebe ee nankotsweng ke Kgosi Kgari ke ya monni mongwe yo e rileng bosheng a katela lebitla le sena go epiwa kwa mabitleng a masha a Suping.
Monni wa motse, Rre Mothusi Mothusiotsile, o ne a tlogela morafe o jele kgakge fa a tlhalosa fa e le ene modiri wa tiragalo eo, ka jaana a ngongoregela go tlhoka morero wa lefatshe le a dumelang e le bone ba ja boswa jwa lone.
Ntlha e, e ne ya iteelwa kobo moroko ke mmagwe, Mme Goitseone Mothusiotsile.
Mme Rose Moreri ke mongwe wa ba ba supileng ka monwana bomme gore ba rotloetsa dipolao tsa bana ka go nna megagaru ya go batla goja.
“Emisang go bulela bana ba batho matlo a lona ka gore go dira jalo ke go ikgogela megogoduma e e tlaa reng kwa bofelong ya lo akaretsa mo dipolaong ka ntlha ya melelo e le ikgotsetsang,” mme Moreri a gakolola.
Rre Simon Mogale ene o supile ka monwana se a reng ke bopelotshetlha jwa batsadi, ka go amogela dithoto tsa ba ba ratanang le bana ba bone, mme batloge ba ba itlhotlhore fa lerato le sulafala.
“A re boifeng modimo ka masula a re inaakantseng nao, a rwelwe ke batsadi ka go rotloetsa dikgang tsa gonna mmogo ga bana ba sa nyalana,” ga bua moruti wa kereke ya Apostolic Faith Mission kwa Molepolole, Pastor Ephraim Semathane.
Mogolwane wa mapodisi a kgaolo ya No. 11, Senior Superintendent Modise Gabatshwane a re dipego tsa dipolano tse di ileng magoletsa ga di ba fe boroko.
A re batho ba le barataro mo go bone go le bomme ba le batlhano ba bolailwe mo dikgweding tse pedi tsa tshimologo ya ngwaga ono le rre a le mongwe.
Nngwe ya ditiragalo tse di neng tsa tlogela setshaba se gamaregile fa ngwana mongwe mo Molepolole a ne a bolaya batsadi ba gagwe le monnawe ka kgwedi ya Seetebosigo ngwaga o fetileng.
Morafe o dirile ditshwetso di le mmalwa di akaretsa go bopa mephato, tshekatsheko ya molao wa go leta tsheko kwa ntle ga dikgang tsa dipolao le tsa bogodi jwa leruo, kopo ya ba sepodisi go phunyeletsa kwa dikolong tse dikgolwane ka dintsa tse didupang go upolola ditagi.
Kgang ya mephato e kopilwe go tsibogelwa kwa dikgotlaneng kwa badira melato ba tlholegang teng ebile ba itsewe botoka teng.
Rre Thebeyame Tsimako a re o dumela gore go tshwanetse ga dirisiwa botsadi bo tshwana le bo malome go letsa moretlwa.
Morafe o dumela gore dikgang tse ke tse botsadi bo di itseng mme di kekela ka ntlha ya go bipa- mpa-ka-mabele.
E ne ya re kwa bofelong jwa phuthego, Kgosi Kgari III a solofetsa fa atla dira thualaganyo ya go kopa tona yo o lebaneng, go tla go tlhalosetsa morafe ka dikgang tsa go gololwa ga ba belaelwa go emela ditsheko kwa ntle ka jaana go lemotshega e utlwisa morafe botlhoko thata. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : MOLEPOLOLE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 11 Mar 2019




