Breaking News

Kgosi o tshwenngwa ke go tsewa lolea ga kgokgontsho

11 Mar 2019

Kgosi Moala Gaerupe wa Salajwe kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng a re o tshwengwa ke gore banni bangwe ba santseng ba tsaya dikgang tsa kgokgontsho motlhofo.

O buile mo potsolotsong fa dikgang tsa kgokgontsho di kekela kwa motseng wa gagwe.

O supile fa gantsi bomme ba itewa ke borre ba ba nnang le bone mme selo se sesa siamela botsogo jwa bone.

Kgosi o supile fa gantsi dikiteo tse di diragala fa gare ga baratani ba ba nnang mmogo ba sa nyalana.

O ne a kaya fa go le botlhokwa gore banni ba rutiwe thata fa dikgang tsa kgokgontsho di ama matshelo a bone.

Kgosi Gaerupe o kaile fa motho mongwe le mongwe a tshwanetse go tshela ka phuthologo le kagiso ka jalo dikgang tsa kgokgontsho ka kakaretso di sa tshwanela go bewa sebete ke ope.

O supile fa go nna mmogo ga batho ba sa nyalana go sa siama a supa fa go le thata go ka rarabolola dikgang tsa boswa fa yo mongwe a setse a tlhokafetse.

Kgosi Gaerupe o tsweletse ka go tlhalosa fa mo go lekeng go rarabolola dikgang tsa batho ba ba nnang mmogo ba sa nyalana, a ne a ntsha mogopolo wa go laletsa mokgatlho wa Re-a-Nyalana go leka go thusa ba ba batlang go tsena mo lenyalong semmuso.

O ne a supa fa dikgang tsa botlhoka tsebe le go nwa bojalwa phetelela di tshwenya thata kwa motseng wa gagwe.

A re dinako tse di beilweng tsa majalwa aa direlwang mo malwapeng ga di obamelwe mo o kgonang go rakana le motho a le mo sediding go sale moso.

O supile fa dikgang tsa go dirisa matlhapa le tsa dikiteo di tswenya thata mo motseng wa bone.

Kgosi Gaerupe o ne a akgola lenaneo la go lwantsha borukutlhi jwa leruo la kgomo-khumo a kaya fa le dirile pharologanyo ka dikgang tsa bogodu jwa di fokotsega.

O kaile fa ene ya re ngwaga ono o simolola atlholela mongwe yo o neng a tshwenya ka go tlhaba leruo la batho a le ja mo kgaolong kgolegelo, a supa fa nako eo dikatlholo tsa molato wa leruo di ne di ise di okekediwe ka jalo modira molato a ne a atlholelwa dingwaga tse tlhano mo kgolegelong.

A re motse wa gagwe o gola ka dipalo tse di kwa godimo ebile dipalo tsa banni di tsamaela ko go tshwareng dikete tse nne, mme go sa lekana go bo ba na le mapodisi a mararo a bomme a direlang mo motseng.

O supile fa mapodisi ba lebanwe ke kgwetlho ya letlhoko la koloi mme go nna dingalo go tsibogela dikgang tsa tshoganyetso. O ne a supa fa ofisi ya kgotla le yone e le nnye mme ba eletsa e ka katolosiwa le go thusiwa ka didirisiwa di tshwana ditilo le ditafole tsa ofisi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Jacob Obotseng

Location : SALAJWE

Event : Potsolotso

Date : 11 Mar 2019