Breaking News

Batshwara madi ba kopa go rutuntshiwa ka tiro ya bone

11 Mar 2019

Batshwara madi ba dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse kwa kgaolong potlana ya Palapye ba ikuetse mo baduping ba dibuka go ba rutuntsha mo go tsa go tshwara madi  a dikomiti tseo.

Ba ntshitse boikuelo joo mo thuto dipuisano e e neng e rulagantswe ke khansele potlana ya Palapye e maikaelelo a yone e neng e le go rutuntsha dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ka tiriso le go tshwara madi mo go lolameng, go rutuntsha dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse  ka methale ya go dira ditiro tsa ditlhabololo tsa sennela ruri le go rutuntsha dikomiti ka ditiro le maikarabelo a bone. 

Fa a bua mo boemong jwa batshwara madi mo dikomiting tsa ditlhabololo tsa metse, Rre Thongbotho Goepamang yo e leng motshwara madi mo komiting ya ditlhabololo tsa kgaolo wa Thomadithotse kwa Palapye a re go botlhokwa gore batshwara madi ba rutuntshiwe ka tiriso le go tshwara madi mo go tseneletseng a supa fa bangwe ba ba tshwarang madi a dikomiti ba sena dikitso tsa go tshwara madi.

A re nako dingwe fa go sena go tlhophiwa dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse, bangwe ba neelwa marapo a go tshwara madi ntswa ba sena dikitso mme ba ketefalelwe ke tiro ya go tshwara madi ka jalo a kopa badupi ba dibuka mo khanseleng ya Palapye go rutuntsha batshwara madi.  

A re madi a morafe a tshwanetse go tshwarwa ka manontlhotlho a kaya fa seo se ka kgonega fa batshwara madi ba ka tlhatlhelelwa ka go tshwara madi. 

Fa a ba kgwa dikgaba, modupi wa dibuka mo khanseleng potlana ya Palapye, Mme Thelma Makgetla a re go botlhokwa go sekaseka dibuka tsa dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse a supa fa tshekatsheko e rurifatsa fa go na le kobamelo ya melawana e e tsamaisang dikomiti le go netefatsa boammaruri jwa dibuka tsa dikomiti gore a di fa bokao jo bo tlhomameng.

A re go sekaseka dibuka tsa dikomiti tsa ditlhabololo  go thusa go tlhomamisetsa morafe ka boammaruri jwa ditirelo tsa dikomiti gammogo le go tsenya leitlho gore a madi a dirisetswa ditlhabololo tse di lebaganeng morafe.

Mme Makgetla o ne a kopa batshwara madi ba dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse go dira pego ya madi ka botlalo gore e fe bokao jo bo tlhapileng jwa madi a morafe a kaya fa go tlhoka pego ya madi go ba ketefaletsa tiro e le badupi ba dibuka. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lebalang Ditlhobolo

Location : PALAPYE

Event : Thuto Puisano

Date : 11 Mar 2019