Kwelotlase ya palo ya balemi e a tshwenya
11 Mar 2019
Molemisi wa Chanoga kwa kgaolong ya Ngamiland, Rre Lerry Gunda, a re o tshwenngwa ke palo ya balemi e e welang tlase ngwaga le ngwaga kwa motseng oo.
Rre Gunda a re kgotlhang ya diphologolo tsa naga le batho e ka tswa e le yone e bakang kwelo tlase e.
O buile se kwa thuto puisanong ya go rutuntsha ka go tshela le ditlou e e neng e rotloeditswe ke lekgotla la Omogolo Trust kwa Chanoga bosheng.
Rre Gunda a re dipalo tsa balemi di ne di le 200 ka ngwaga wa 2016, mme tsa fokotsega go nna 168 ka ngwaga wa 2017, mme mo ngwageng eno go lemile balemi ba le 116 fela.
A re tshenyo ya ditlou le yone e oketsega ngwaga le ngwaga, fa balemi bangwe ba jelwa temo e ise e butswe, mme a re seo se ka tswa se kgoba balemi bangwe marapo.
Fa a ntsha la gagwe, Kgosi Oatleng Setlhodi wa Chanoga o ne a tlhalosa fa maikaelelo a bokopano joo ele go tsibosa banni ba Chanoga ka ditlou le gore baka tshela jang le tsone.
A re ba laleditse ba ba tsheleng le ditlou tsa palo ee ko godimo go na le tse ba tshelang le tsone kwa Chanoga.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Setlhodi a re go botlhokwa gore banni ba Chanoga le metse ee mabapi ba nne le kitso ya go tswelela ba tshela le ditlou le go itshireletsa.
Mme Gakethusiwe Katholo wa Mawana o ne a lebogela thuto se puisano eo, a re ditlou ga di ba tshedise sentle ka dija dijwalo tsa bone le go bolaya batho.
Rre Gaditshwane Kgantele ene o ne a re ga a dumalane le dithuto tseo tsa gore gotwe ba agisanye le ditlou.
Rre Kgantele a re ditlou di baka tshenyo e kgolo mo dijwalong tsa bone le diterata tsa masimo, mme a re tlharabololo e ka nna ya gore di hokotswe ka go hulwa eseng go agisanya le tsone, ebile a re lephata la diphologolo le diega go ba atswa fa ba begile dikgetsi tsa tshenyo ya diphologolo.
Fa Rre Ohitiseng Mosupi wa mokgatlho wa Eco Exist ene o ne a re dithuto tseo di tlaa sologela banni ba Chanoga molemo ka ditlou ke gone di simololang go anama le kgaolo ya bone.
Rre Mosupi a re kwa kgaolong ya Okavango kwa moseja wa noka e tona ya Okavango, palo ya ditlou e feta ya banni ba metse ka palo ya dikete tse pedi, a re ditlou di 18 000 fa batho bone ba le 16 000. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : CHANOGA
Event : Puisano
Date : 11 Mar 2019




