Breaking News

Selelo o inosa moro ka petlwana

10 Mar 2019

Batswana ba tsweletse ka go inaakanya le ditiro tsa diatla go itshetsa. 

Rre Khutsafalo Selelo, yo o tlholegang kwa Lesenepole kwa kgaolong ya Legare, ke mongwe wa ba ba bontshang gore go tlhoka go nna ka diatla go ka ntsha motho mo tshotlegong. 

Mo potsolotsong, Rre Selelo o boletse fa botshelo jwa gagwe bo ikaegile ka go betla di dirisiwa ka go farologana. 

O betla megopo ya Setswana, dikika, metshe, dipora, mafetlho, dintshwana, diphologotswana tse di kgabisang kana sepe fela se a bonang se ka betlega. 

Rre Selelo, yoo dingwaga di masome a mane le borobabobedi, a re o tswa kgakala a rata petlo jaaka a sale a e ithuta ka ngwaga wa 1988. 

Rre Selelo a re kgatlhego ya go betla e tsile fela nako nngwe a nna e re a bona sengwe a bo a se akanyetsa gore se ka lebega jang fa se dirilwe ka legong, mme a bo a lekeletsa. 

E re jaaka rre yo a re o feletse ka lekwalo la bobedi fela kwa sekolong ka ane a kgaopediwa ke batsadi a isiwa kwa morakeng go ya go disa leruo, a re o ne a lemoga fa a sena bokamoso mme a inaakanya le petlo go ka itshetsa. 

Le fa ntswa go sa rekwe thata jaaka motho a ka akanya, Rre Selelo a re o kgona go tshetsa ba lelwapa la gagwe ka lemme le a le boning, a tlhalosa fa go rekwa thata dintshwana le diphetlho ka jaana di se turu. 

O tlhalositse fa gantsi a rekisetsa kwa Lesenepole mme a re ofisi ya banana e tle e mo laletse go ya go rekisa kwa Palapye fa go na le ditshupo.  

Rre Selelo a re o fenntse dietsele kwa ditshupong makgetho a le mmalwanyana. 

“Dingwe tsa ditshupo tse ke neng ka fenya morago ga gore ke itsotsolopanye ke betlile mogopo wa Setswana, kika, motshe le sepora ke tsa ngogola tsa bo mmaboipelego tse di neng di tshwaretswe kwa Palapye, mme ka tsaya maemo a ntlha ke bo ke fetela kwa Mahalapye kwa ke fetileng ke fenya gape,” a tlhalosa.  

A re keletso ya gagwe ke go godisa kgwebo ya gagwe, ke ka moo a reng o inaakantse le ba ba maleba go leka go batla dithuso tsa madi. 

O supile fa a eletsa go ipona a na le di mechini tse di tona, tse di ka mo thusang  go betla dithoto tse dikgolwane jaaka ditafole tse a dumelang gore di ka mo direla letseno le le botoka. 

A re mo bogompienong, o dirisa dibetli tsa Setswana di akaretsa kgaba le petlwana mme a lela ka gore di dira tiro bonya ebile di tsenya dingalo. 

 Rre Selelo a re o santse a busediwa kwa morago gape ke letlhoko la serwadi ka jaana a rema ditlhare tse di omeletseng kgakala le masimo a Makojwe a a direlang kwa go o ne.  

A re gantsi o dirisa setlhare sa modumela go betla, mme a re se bonwa kgakala thata ke ka moo areng o batla go thapa bangwe go mo thusa go rema le go rwala. 

O gakolotse babetli go tswela mo pontsheng gore ba itsege le bone ba kgone ba itshetse ka diatla tsa bone.

A re ene o setse a na le ditlankana tse tlhano selo se a reng se supa gore go tswela mo lebaleng go mmereketse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bonte Seepi

Location : PALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 10 Mar 2019