Breaking News

Emisang go rekisetsa bana nnotagi - Kgosi

10 Mar 2019

Kgosi Tumelo Puleng wa Letlhakeng kwa kgaolong ya Kweneng a re o tshwennngwa ke batsadi ba ba rekisetsang bana nnotagi.

Mo potsolotsong, Kgosi Puleng o tlhalositse fa a lemogile gore batsadi bangwe ba rekisetsa bana dinotagi mo sephiring.

A re batsadi bao ba eteleditse madi kwa pele mme seo se dira gore ba lebale ka bokamoso jwa bana.

O kaile fa go dirisa bana ka tsela e ntseng jalo go ba itaya tsebe e bile go ba dia go nna le tebelopele ya botshelo.

A re gantsi bana ba ba fitlhelwang kwa marekisetsomg a majalwa a setswana o fitlhela ba le dingwaga tse di kwa tlase thata.

O tsweletse ka go tlhalosa fa bangwe ba bana bao ba tlogetse dikole ba beile matshelo a bone mo go phakeleleng kwa dipotong.

Kgosi Puleng o ne a kgala bagwebi ba majalwa ao e bile e le batsadi mme ba palelwa ke go dira se se tshwanetseng go dirwa ke motsadi a na le boikarabelo.

A re bagwebi bao ba phutlhamisa ditoro tsa bana e bile ba dira gore ba felele ba amega mo ditiragalong tsa borukutlhi morago ga go ba siela dinotagi tseo ka ba santse ba sena maikarabelo a go itshetlela.

O ne a supa batsadi ba bana bao ka monwana a tlhalosa fa e le bone ba neelang bana madi ntswa ba itse gore ba ya go a dirisa go reka dinotagi. 

Kgosi Puleng o supile fa se se utlwisang botlhoko e le go bona motsadi a rekisa leruo la gagwe la bofelo gore a tle a neele ngwana madi a bojalwa

A re batsadi ba mofuta oo ga bana boikarabelo e bile ba senyetsa bana ba bone isago le ntswa ba tsaya gore ba ba fa lerato.

Kgosi a re batsadi ba tshwanetse go fetoga go nna sekao mo baneng ba bone. 

O kaile fa e le tshwanelo ya motsadi mongwe le mongwe go kgapha ngwana mo dinotaging ka di le borai thata.

O ne a tsibosa bagwebi ba bojalwa gore go rekisetsa ngwana yo ka fa tlase ga dingwaga tse di lesome le boferabobedi dinotagi e le molato o motona o o ka ba tsenyang mo kgolegelong. 

A re se se tshwenyang gape ke gore bagwebi bao ga ba sale nako ya thekiso e e dumalanweng ke molao morago.

O tlhalosa fa bagwebi bao fa ba ka tswelela ka go tlola molao le go rekisetsa bana dinotagi ba tla tseelwa dikgato tse di maleba.

A re monni mongwe le mongwe o tshwanetse go nna lepodisi la motse ka go itsese ba kgotla kgotsa ba sepodising ka bagwebi bao. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Goitseone Tlhware

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 10 Mar 2019