Baithuti ba booki ba abela kgotlana ya Bombadi
10 Mar 2019
Baithuti ba ithutelo booki kwa sekoleng sa Francistown ba akgoletswe go agela kgotlana ya Bombadi kwa Maun lefelo le le bolokelang matlakala.
Baithuti bao, ba barataro ka palo, ba dirile tiro eo ka jaana ba ne ba ile ithuthuntshong ya kgwedi tse tharo kwa dikokelwaneng tsa Maun mme ba bona go tshwanela go direla banni sengwe pele ba boela morago.
Fa a rola lefelo leo semmuso, mogolwane wa baoki kwa kokelwaneng ya Maun General, Mme Golebaone Makolo, a re go a itumedisa go bona baithuti ba supa mowa wa lerato le go kgathala ka botsogo jwa setshaba.
A re kgaolo ya Maun ke ya bojanala mme go maleba gore tikologo e somarelwe ka nako tsotlhe go oka bajanala ka dipalo tse di nametseng.
Mme Makolo a re ba ne ba tswa ka mogopolo wa go a ga ntlwana eo ba lebeletse seemo sa gore ga gona fa matlakala a phuthelwang teng, a tlatsa ka gore le tsone dikoloi tse di olelang malele di kgona go senyega ka dinako tse dingwe.
A re lefelo leo le tlaa thusa banni gore ba nne ba kgobokanyetsa matlakala golo go le gongwe.
Mooki yo o mongwe, Mme Reitumetse Mokgaotsane o ne a tlhalosa fa baithuti bao ba ne ba tsile go ithuta ka fa banni mo kgaolong ba tshelang ka teng.
A re mo ditshekatshekong tsa bone go ne ga supega fa go na le letlhoko la lefelo le matlakala a ka bewang teng. O lebogile banni ba kgotlana eo ka fa ba amogetseng baithuti ka teng a re ba ne ba dirisanya le bone sentle.
Mongwe wa baithuti, Rre Mothusi Lebengwa o kopile banni ba kgotlana eo go tlhokomela ntlwana eo.
A re ba ne ba dumalana go aga lefelo leo ba lebeletse gore ka nako tse dingwe koloi e e olelang matlakala e kgona go nna le bothata a tlatsa ka gore ba ne gape fa be lemogile gore matlakala a bewa kwa tseleng go letela koloi.
Mongwe wa barutabana ba baithuti ba, Rre Tumisang Mokute o ne a lebogela thata tomagano ya baithuti bao le banni a re go a itshupa gore ba alosa baithuti batlhwatlhwa.
A re ke selo se se molemo thata gore baithuti ba tlogele motlhala fa ba ntseng ba direla teng gore banni ba ba gopole.
A re o lebogile gape gore baithuti bao ga baaka ba diiwa ke monate, mme ba ne ba tsepame mo tirong ya bone.
Fa a amogela mpho eo, Kgosi Moaloso Bendu wa kgotla Bombadi o ne a leboga baithuti bao a re ba dirile pharologanyo e kgolo mo kgaolong ya bone.
O ba rotloeditse go tswelela ka boitshwaro jo bontle joo le kwa ba tlaa yang go direla teng fa ba fetsa sekole.
A re lefelo leo le tsile ka nako ka jaana ba ntseng ba tshwenyega ka leruo le le gasagasang matlakala. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : MAUN
Event : Kabo Ya Dimpho
Date : 10 Mar 2019




