Kgari o atla kamogano marapo
10 Mar 2019
Kgosi Kgari Sechele III wa Bakwena o akgoletse lelwapa la bogosi kwa Hatsalatladi go amogana marapo go sena manganga ape.
O ne a rolela banni ba motse oo Kgosi Saki Gabanamotse yo o ntseng a tshwareletswe ke rangwanaagwe Kgosi Ponatshego Gabanamotse.
Kgosi Kgari o ne a tlhalosa fa mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng, go ne ga tshwarwa dipuisanyo tse di telele fa Kgosi Saki a ne a tshwanetse go tlhatlhama rraagwe, mme ga dumalanwa gore rangwanaagwe a mo tshwarelele.
Kgosikgolo o ne a akgolela Kgosi Ponatshego go etelela morafe ka botswerere mme a ithotse marapo go sena manganga.
O tlhalosiste fa e rile mafelo a ngwaga o o fetileng a ne a kwalela Kgosi Ponatshego go supa fa sebaka se se dumalanyweng sa go tshwarelela ga gagwe se wela mme a supa boikarabelo le go tlotla tsamaiso le mowa wa kagiso.
O ne a kopa banni go amogela kgosi ya bone, go mo fa tlotla le go dirisanya le ene sentle.
Kgosi Saki ene o ne a gakololwa go sekegela tsebe dilelo tsa banni ba motse oo a sa gogele kobo ntlha epe.
“Le seka la mo felela pelo mme le itetle go bereka le ene sentle,” ga gatelela jalo Kgosi Kgari.
Mo kakgelong ya gagwe, Kgosi Ponatshego o supile fa a rata Kgosi Saki thata ka e bile a mo godisitse.
A re o maswabi ka batho bangwe ba ne ba akanya gore o tlaa ganelela mo setilong.
O ne a lebogela Kgosi Kgari seabe sa gagwe mo thokgamong e e renang mo Hatsalatladi ka go tsamaisa dikgang tsa one sentle.
O gakolotse Kgosi Saki gore kgosi ke kgosi ka batho mme a itlama go mo ema nokeng mo tirong ya gagwe.
Kgosi Saki ene o ne a leboga thata borangwanaagwe segolo jang Kgosi Ponatshego ka go mo tshwarelela setilo mme a re ba segile tema e a tlaa e tsweledisang.
O solofeditse morafe gore dikgoro tsa gagwe di tlaa bo di butswe le gore dikgakololo di a amogelesega.
A re o eletsa gore batshwarelela bogosi lefatshe ka bophara ba ka tsaa malebela mo go se rangwanaagwe a se dirileng ka se ka tsisa thitibalo mo dikgannyeng tsa bogosi.
Morafe o ne wa amogela Kgosi Saki ka mabogo oo mabedi. O simolotse tiro semmuso kgwedi eno e rogwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keorapetse Kgomotso
Location : HATSALATLADI
Event : Phuthego
Date : 10 Mar 2019




