Makhanselara a lela ka diphologolo tsa naga
10 Mar 2019
Makhanselara a kgaolo ya Legare a kopile puso go thusa go hema kgotlhakgotlhano fa gare ga balemi-barui le diphologolo tsa naga.
Makhanselara a buile jalo fa a akgela mo pegong ya modulasetilo wa khansele ya Legare, Rre Peter Williams, fa a bula phuthego ya khansele bosheng.
Bontsi jwa makhanselara a dikgaolo tsa bone di bapileng le mafelo a diphologolo ba re banni ba tshelela mo letshogong, kutlobotlhoko le khumanego ka ntata ya diphologolo tsa naga.
Ba re ditlou di dira go swela mo go jeng le go suputsa masimo a bone. Ba boletse fa puso e drisa madi a mantsi go lemela Batswana le go ba fa dipeo, mme ditlou le diphologolo tse dingwe di ba ntsha kwa masimo ka nnyobane e sa fotlhwa.
Makhanselara a boletse fa dingwe tsa diphologolo jaaka ditau le dinare, di le borai thata mme e bile di setse di bolaile batho bangwe, mme puso e phimola dikeledi ba ba swetsweng ka lemmenyana fela.
Ba boletse fa ditau di ba humanegisa ka di bolaya leruo ka mabetoepelo fa go sa le go laolwa go tsoma diphologolo tsa naga. Ba kopile puso go tsaa kgato go hema kgotlhang ee tsweletseng fa gare ga balemi-barui le diphologolo.
Mo dikgangnnyeng tse dingwe, ba boletse fa lenaneo la Ipelegeng le le botlhokwa thata, mme ba kopa gore le fetolwe go dirwe ditlhabololo tsa sennela ruri jaaka dikago, eseng go kgaola ditlhare le bojang nako tsotlhe.
Makhanselara a rotloeditse khansele go itirela letseno ka go tlhabolola matlhabelo a Serowe, ba bolela gore gompieno a bolaya dikgomo di le masome mabedi fela ka letsatsi, mme nama e tlhokafala thata mo Serowe le metse e e mo tikologong.
Ba kopile gore matlhabelo ao a atoloswe, a nne a seemo se se fa godingwana le go hira Batswana ba bantsi.
Ba re ikwadisetso ditlhopho ya monongwaga, e boutsana thata, mme ba bolela gore go bakwa ke bokgakala jwa mafelo a ikwadiso.
Ba buile gape ka letlhoko la maroko a badirelapuso, bothata ja ditsela, go tlhaela ga dibuka le maduo a a sa itumediseng mo dikoleng dingwe le metsi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya Khansele
Date : 10 Mar 2019




