Bomme ba kopilwe go aga morafe ka tumelo
10 Mar 2019
Mokgatlho wa bomme ba thapelo wa Women Christian Fellowship go tswa mo dikerekeng ka go farologana, o gwetlhile bomme go gogela setshaba kwa kerekeng.
Motiakone wa kereke ya Eloyi, Mme Julia Tshoganetso, a re go botlhokwa gore bomme ba tswe mo dikagong tsa dikereke mme ba tsene mo morafeng go gasa efangedi.
Mme Tshoganetso o ne a bua kwa kgotleng ya Mahalapye ka letsatsi la mafatshefatshe la thapelo le le neng le rulagantswe ke Women Christian Fellowship bosheng.
A re bomme ba tshwara thipa ka fa bogaleng mme ba tshwanetse go supa seo ka go dira ditiro tse di molemo.
Mme Tshoganetso o ne a nopala Luke 14 temana 21 e e gwetlhang bomme go sokolola dipelo tse di bokoa ba dirisa tumelo.
“Bomme ke le gwetlha go tsena mo motseng, buang le batho le ba supegetse gore Jeso ke Morena,” Mme Tshoganetso a kgothatsa.
A re bomme ba diragatse ka botlalo thomo ya go rera lefoko la Modimo mo setshabeng e seng go nna fela mo tempeleng.
“Dirisang dikokoano tse di farologaneng tsa morafe jaaka diphuthego tsa dikgotla go gasa efangedi ya ga Jehofa,” Mme Tshoganetso a kopa.
A re le fa bomme ba na le thata ya go aga lefatshe, go a tshwenya go bona ba tsweletse ka go welwa ke dihawa tse di felelang di ba kgoba marapo le go ba sulafaletsa botshelo.
“Bomme ba a boga mo lefatsheng,” Mme Tshoganetso a tlhalosa.
Le fa ba aperwe ke pitlagano ya go kgokgontshiwa le dikgang tse dingwe tse di botlhoko, Mme Tshoganetso a re karabo ya mathata a bone ke go ikanya Modimo.
Mme Tshoganetso a re go a tshwenya go bona dipelo tsa batho di aperwe ke boleo mme ba tsweletse ka go dira ditiro tsa tshokamo.
A re go ineela go direla Modimo go ka thusa batho go lemoga tsela ya tshiamo mme ba felele ba fokotsa ditiro tsa borukuthi.
Mme Tshoganetso a re lefa go na le ditiro tsa matshelo tse di farologanyeng go seka ga nna le ope yo o itlhokomolosang go direla Modimo a diiwa ke tsa selefatshe.
Kgosi Tshipe Tshipe o supile fa tumelo e rotloetsa molemo ebile e fa tsholofelo ya gore lefatshe le tlaa apara tshiamo.
O kopile bomme go rapedisa lefatshe ka gore maatla a thapelo tsa bone a ka thusa go fokotsa dikgwetlho tse di apesitseng lefatshe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaotlhobogwe Orefile
Location : MAHALAPYE
Event : Letsatsi la Thapelo
Date : 10 Mar 2019




