Randpacked e supa lorato
07 Mar 2019
Dikhampani le makalana a a ikemetseng a tsweletse ka mowa wa boithaopo.
Makalana ao a direla Batswana ba ba nang le botlhoki ka go ba abela dimpho.
sekai ke khampani ya Randpacked e e supileng bopelotlhomogi ka go pentela le go abela Rre Moatshe Letsholo le ba lelwapa la gagwe dijo kwa Mochudi.
Mogolwane wa khampani eo Rre Thabo Kebaswele a re ba bone go le botlhokwa go dira tiro ya boithapo mo lapeng la ga Rre Letsholo.
A re go botlhokwa go kgaogana masego a ba nang le one e le ba khampani e le ba kgaolo e ba berekelang mo go yone.
Rre Kebaswele o ne a tlhalosa gore Randpacked ke khampani e e thapilweng ke khansele ya Kgatleng go tsaya matlakala mo dikokelwaneng di le lesome le motso.
A re o ne a thulanya ditlhogo le babereki ka ene go bona gore ba ka thusa jang mo kgaolong mme ba dumalana go dira tiro ya bopelotlhomogi.
Rre Kebaswele o ne a tlhalosa gore ba tsile go tswelela le tiro ya boithaopo kgwedi le kgwedi ka ba ipeetse seelo sa go thusa malapa a le lesome le motso mo Kgatleng go tsamaalana le tiro e ba e filweng.
O ne a lebogela kemo nokeng e ba e filweng ke ba Boseja Clinic 1 le bogogi jwa motse a re e supa tirisano mmogo.
E rile fa a amogela baeng Kgosi Time Pilane o ne a lebogela maiteko a ba Randpack a go thusa ba ba ’kobo dikhutshwane.
A re se ke maiteko a a tshwanetseng go iteelwa legofi ka a supa fa mowa wa bopelotlhomogi o santse o lrena.
Kgosi Pilane o ne a gwetlha banni go bereka le babereki ba puso ka ke bone ba ba lomaganyang ditlhabololo le gone go atswiwa ka dithuso.
A re badirelapuso ba thapilwe ke puso go isa ditlamelo kwa bathong, ka jalo a ba iteela legofi go bo ba kgonne go lemoga botlhoki jwa ga Rre Letsholo.
O ne a kgothatsa Rre Letsholo go dirisa dimpho tse a di filweng sentle gore di tle di mo solegele molemo.
Mogolwane kwa Boseja Clinic 1 Mme Boitumelo Moesi o ne a lebogela tiro e e dirilweng ke ba Randpacked a re e supa lerato.
A re o eletsa ekete dikhampani kana makalana a mangwe a ka tsaya malebela mo go se se dirilweng ke Randpacked.
Mokhanselara wa Boseja Bokone Rre Lethodi Modipane o ne a lebogela dimpho tse di neetsweng Rre Letsholo a re ba Randpacked ba jwadile peo ya go neela.
A re go dira tiro ya boithaopo go botlhokwa ka bonnyennyane jo bo kgaoganwang bo tsisa monyenyo mo go ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebo Rakanyane
Location : MOCHUDI
Event : Kabo dimpho
Date : 07 Mar 2019




