Breaking News

Bofofu jwa bana bo ka thibelwa

07 Mar 2019

Mooki kwa kokelo ya Palapye Mme Josephine Sentsho a re bofofu bo ka thibelwa mo baneng fa ba isitswe bongakeng bo ise bo kekele.  

Fa a bua mo potsolosong le BOPA o tlhalositse fa matlho a angwa ke malwetse a a farologanyeng le bogole jwa matlho jo bo farologanyeng mo go ka felelang go bakela bana bofofu. 

Fa a nankola dikai Mme Sentsho a re go na le matlho a a leaneng a a tlhalositseng fa ba bongaka ba kgona go ka a baakanya gore a tlhamalale. 

Mme Sentsho o kaile gore go motlhofo go baakanya matlho a a leaneng ngwana a santse a le monnye ka gore tshika e e dirang matlho jalo e a bo e ise e nne thata. 

“Go leana ga matlho go dira gore ngwana a seka a bona sentle ka gore o  bonela gaufi, ka jalo go botlhokwa go lere bana bongakeng  go ba fa kalafi ba sale bannye,” mmoki a tlhalosa. 

Mme Sentsho o tlhalositse fa  matlho a a tshikhinyegang a sena kalafi mme a ka baakanngwa fela ka digalase tse ditona, bogolo jang fa ngwana a le dingwaga tse di ferang bongwe go ya kwa go tse di lesome. 

O tlhalositse gape fa go na le matlho a a nang le letha, le ngwana a kgonang go tsolwa a na le lone. 

O kaile gore letha le kgona go bakela motho kankere ya matlho mo go ka felelang go gapela motho botshelo ka leitlho le le gaufi thata le boboko. 

Letha le le tswang mo ngwaneng a le monnye a re le ka arwa la ntshiwa gore go sirelediwe metsi a leitlho. 

“Fa ngwana a tswa malaka a mantsi mo matlhong o tshwanetse go isiwa kokelong go ya go tlhatlhojwa go bona gore go bakwa ke eng,” mooki a rotloetsa. 

Go baba ga matlho a re go kgona gore go bo go bakwa ke lerole la dithunya tsa ditlhare tse di fokang mo phefong.

O kopile batsadi go isa bana kokelong gore ba fiwe kalafi go sale go sha. 

Mme Sentsho o rotloeditse batsadi go fa bana dijo tse di nang le dikotla tse di siametseng botsogo jwa matlho jaaka maungo a mebala e e bonalang thata jaaka moretologa, tamati le segwete. 

O bile a kopa batsadi le barutabana go ela bana tlhoko fa ba tshameka gore ba seka ba gobatsana mo matlhong ka pono e le selo se se botlhokwa mo botshelong jwa motho. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kealogile Diloro

Location : PALAPYE

Event : Posolotso

Date : 07 Mar 2019