Breaking News

Sekole sa Mogale se di goga kwa mogatleng

07 Mar 2019

Sekole se segolwane sa Mogale kwa Maokane mo kgaolong ya Ngwaketse Bophirima se nna fela se di goga kwa mogatleng mo maduong a ditlhatlhobo tsa mophato wa boraro.

Se se boletswe ke Kgosi Isaac Banyaditse  mo potsolotsong le BOPA bosheng. 

A re se se dirwa ke batsadi ba ba sa tseeng thuto ya bana ka tlhoafalo e bile ba sa tsene diphuthego.

Kgosi Banyaditse a re le fa ngwana a tswa mo tseleng, batsadi ga ba ke ba tsaya kgato ka jaana ba seke ba leka le fa e le go ikuela kwa baeteleding pele ba motse.

A re bana ba sekole se ba diiwa ke go nna mo dibareng ka mafelo a beke, mme le fa batsadi ba ba bona ga ba ke ba kgalemela.

A re batsadi ba bana ba bone ba tsenang kwa Mogale le fa ba bilediwa ngwana a sa tsoga ga ba ke ba tsiboga, mo go felelang e nna morwalo wa barutabana.

O bile a re se sengwe se se amang maduo ke go tlhoka boroko ga barutabana, a supa fa ba nna mo matlong a a sa siamelang botsogo, ebile a tlhaela.

Kgosi Banyaditse a re barutabana ba tlhaelelwa ke boroko mo bangwe ba bone ba tsogang kwa Jwaneng, mme go le kgakala e bile tsela e sa siama. A re barutabana gape ba ikuela gore bana ba sukagane mo ba felelang ba rutela bangwe ka fa tlase ga ditlhare.

A re sekole se fa se simologa, se ne se tshwanetse go tsaya bana ba le makgolo a marataro, mme se tsaya makgolo a a robang bongwe le masome a mabedi le bobedi.

Kgosi Banyaditse a re ntlwana nngwe le nngwe ya borutelo  kwa sekoleng seo e tsaya bana ba le masome a matlhano le ntswa  e tshwanetse go tsaya masome a mararo le botlhano fa go padile.

O boletse fa go kile ga lekwa ka dikharabene go fokotsa tlhaelo ya matlwana a borutelo, jaanong le tsone di setse di onetse.

Kgosi gape a re setofo se sale se rekilwe palo ya bana e ise e oketsege. A re mo nakong ya gompieno se fekeediwa ke palo ya bana. A re palo eo e pateletsa baapei ba le bone ba leng palo potlana go apaya ga ntsi.

Kgosi Banyaditse a re mathata a mangwe ke letlhoko la metsi kwa motseng oo. A re seemo seo se tle se gomagometse gore bana ba ba  filweng boroko mo sekoleng ba bulelwe.

Sekole seo se amogela bana ba mophato wa ntlha go tswa kwa mafelong a a kgakala le ditlamelo a tshwana le Ralekgetho, Pitseng, Seherelela le Lefoko ka jaana go sena sekole sa magare gaufi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : KANYE

Event : Posolotso

Date : 07 Mar 2019