Go tshwarwa ga phane go santse go tswaletswe
07 Mar 2019
Ba lephata la dikgwa ba tsibosa setshaba go nama ba eme pele go tshwara phane ya Moranang gore e kgone go gola.
Fa a buisa phuthego ya kgotla ya lenaneo la nyeletso lehuma kwa kgotlaneng ya Ikageleng mo Selebi Phikwe, mogolwane mo lephateng la dikgwa, Rre Julius Modikwa a re go setse go na le bangwe ba ba beileng phane botsetse.
A re go dira jalo ga go letlelelwe e bile ba ya go tseela dikgato ba ba tlaa fitlhelwang a bapetse phane a sena teseletso.
A re mo nakong eno phane e santse e le nnye mme fa e setse e godile ba tlaa ntsha diteseletso.
Rre Modikwa a re o tshwentswe ke batho ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma go dira kgwebo ka go tshwara phane.
A re lephata le thusa batho ba go nna jalo ka didirisiwa tse di tshwanang le dipitsa ba bo ba fiwa dijo tsa P500.
Mo godimo ga se a re puso e thusa ka go ba duelela go isiwa phaneng.
Rre Modikwa a re go a swabisa gore e re puso e dira maiteko a a kalo ba ba thusitsweng ba bo ba goga dinao ntswa phane e dira madi a mantsi.
A re bangwe ba dira borukutlhi ka go saenela boradikoloi gore ba ba isitse phaneng ntswa ba ne ba sa ya phaneng mme morago ba kgaogane madi fa puso e sena go duela.
A re selo se ke molato o motho a ka o sekelang.
Mo godimo ga se a re phane e tshwarwa fela mo dibekeng tse di ferang bobedi, tse nne ka Moranang le tse nne tsa Sedimonthole.
O kopile ba ba thusitsweng ka lenaneo le go batla methale e mengwe ya go dira madi ba dirisa didirisiwa tse ba thusitsweng ka tsone ka gore kgwebo ya bone e nna teng fela ka Sedimonthole le Moranang.
A re tante e ba thusitsweng ka yone le dipitsa di ka kgona go hirisediwa batho gore ba kgone ba itshetse phane e santse e ile kupu.
Mo godimo ga se, Rre Modikwa a re lephata la gagwe le tshwentswe ke batho ba ba tsweletseng ka go rema ditlhare di santse di le metsi ba bo ba rekisa dikgong.
A re go dira jalo ga go letlelesege e bile motho o ka nna a tseelwa dikgato fa a ka tshwarwa.
A re go rema dikgong le gone go tseelwa teseletso mme a kopa morafe go emisa go reka dikgong mo bathong ba ba senang diteseletso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 07 Mar 2019




