Breaking News

Go lemoga dinatla go botlhokwa

07 Mar 2019

Mothusa modulasetilo wa khansele-potlana ya Kanye (KAA) Rre Thamiso Chabalala o kgothaditse bahiri go lemoga botlhokwa jwa go akgola badiri fa ba dirile sentle ka seo se ka ba rotloetsa go ntsha maduo.

Fa a ne a bua kwa moletlong wa go abela badiri ba kgaolo-potlana ya Moshupa dietsele tsa go dira ka natla le ka bonokopila ka Labobedi, Rre Chabalala o ne a re le ba ba sa tsayang dietsele ba tshwanetse go kgothadiwa gore ba bereke ka natla mo isagong.

Fa a ikamanya le setlhogo sa letsatsi leo se se reng; Re Fitlhelela kwa Ntsu e Fofelang Teng - Aiming Where the Eagle Soars, Rre Chabalala yo gape e leng mokhaselara wa Mafhikana a re dipatlisiso di supa gore ntsu ke nonyane e e sekeng e tsofala ka gore fa e tsofala e ntsha diphuka tse dikgologolo mme e tlhoge tse disha.

Rre Chabalala o ne a gwetlha badiri gore le bone ba tshwane le ntsu gore fa ba utlwa ba lapa ba intshafatse mo tirong ya bone.

Fa a tswa la gagwe, mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Moshupa Rre Sebonego Mosinyi o ne a supa gore tsholofelo ke gore ba ba sa dirang sentle ba tlaa meletsa ba ba tsayang dimpho le dietsele mathe mme go ba gwetlhe go ititaya ka thupana gore mo nakong e e tlang e bo e le bone ba galalediwang.

E re go ntse jalo, mongwe wa baatlhodi Mme Kegomoditswe Lesole a re dingwe tsa dintlha tse ba neng ba di lebeletse gore ba bone yo o ntshang tlhogo di ne di akaretsa gore; motho o tshwanetse gore a bo a kanokilwe mo go direng ka natla le ka bonokopila mo setlheng sengwe le sengwe sa ngwaga jaaka di le nne.

A re le fa go ntse jalo ba ne ba itemogela fa ba bangwe ba tlhatlhobilwe mo dikonterakeng tse tharo fela, mme go beye motho wa go nna jalo ka fa mosing,.

Mme Lesole o tlhalositse gore ba ne ba lebelela gore a matshwao a dikanoki (Performance Development Plan)- PDP di na le dikakgelo go tswa mo moeteledipeleng, le gore a go na le dipampiri tse di patileng matshwao, a tlatsa ka go re ka maswabi bangwe ba ne ba se na dipampiri tsa mofuta o.

Mme Lesole yo gape e leng motlhatlhelela dithuto kwa sekoleng sa ithutelo tiro ya diatla kwa Moshupa o gakolotse gore badiri mo ditirong ba bonwa ke mongwe le mongwe letsasti le letsatsi, le ka fa ba berekang ka teng, ka jalo matshwao a modiri a tshwanetse a tsamaelana le ditlamelo tse a di fang batho mo tirong, e seng gore matshwao a ye kwa godimo mme ene a sa ntshe maduo, kana e seng gore matshwao a ye kwa tlase mme ene a afa dithusoo ka fa tshwanelong.

Ka jalo, Mme Lesole o gakolotse baeteledipele go lebelela gore a sengwe le sengwe se se tlhokafalang se teng pele ga ba ka romela maina le masupi gore modiri a ye go tlhophiwa go phadisana le babangwe.

Dingwe tsa dimpho le ditlankana di ne di fiwa badiri ba tshwana le modiri yo o itseng tiro, modiri yo o bolokang nako ya tiro, modiri yo o thusang badiri ka botswapelo, modiri yo o dirileng lobaka lo loleele mo tirong a na le boitshwaro, magareng ga tse dingwe.

Modulasetilo wa khansele-potlana ya Moshupa Rre Sonny Phiri a re o lebogetse ba ba tsereng dimpho a bo a rotloetsa le ba ba sa bonang sepe go ititaya ka thuphana. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Mphoyaone Mothibi

Location : KANYE

Event : kabo dietsele

Date : 07 Mar 2019