Breaking News

VDC e rotloetsa bonokopila

06 Mar 2019

 Dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ya Mosweu le Maunatlala ba rotloeditse bo radikonteraka go tsaya ditiro tse ba di abelwang ka tlhoafalo mme ba di dire ka matsetseleko ka e le tsa setshaba di dirwa ka madi a puso.

Modulasetilo wa Mosweu Mme Connie Mmokwe o boletse mo potsolotsong bosheng fa ba lebanwe ke namane e tona ya tiro ya go netefatsa gore ditlhabololo di a dirwa mo motseng.

O ne a supa fa komiti ya ditlhabololo tsa motse e na le seabe se setona mo kgolong le tlhabololo ya motse mme se a re se ka diragala fela fa go na le tirisanyo mmogo le kemo nokeng go tsweng mo setshabeng.

Mme Mmokwe o boletse fa go le gantsi ba bereka le ba ofisi ya khansele go netefatsa gore ditiro tsa ditlhabololo mo motseng di abelwa ba ba lebaneng le gore tiro e e dirwang ke ya maemo a ntlha e bile ke ya sennela ruri.

Ka go rialo, o ne a rotloetsa ope fela yo o ka iphitlhelang a abetswe tiro ya go tsamaisa ditiro tsa ditlhabololo mo motseng go e dira ka botswapelo gore e re le mo isagong ba nne le keletso ya go bereka le bone gape.

Mme Mmokwe o boletse fa le bone e le komiti ya ditlhabololo tsa motse ba sa beye sebete ditiro tsa tshenyetso setshaba, ke ka moo a reng ga ba ipone tsapa go sekaseka ba ba abelwang ditiro tsa setshaba go bona fa ba na le tshiamelo e bile ba na le bokgoni jwa go ka di dira.

O boletse  fa ba netefatsa gore boradikonteraka ba sala morago tsamaiso ya phiro e sere kamoso ba iphitlhela ba ikgatholositse ditsetlana dingwe.

Modulasitilo wa Maunatlala Rre Gobusamang Kobe le ene  o supile fa ofisi ya gagwe e ititeile ka thupana go netefatsa gore ditlhabololo di a diragadiwa mo motseng le gore di solegela botlhe molemo.

O ne a tlhalosa ntlha nngwe e e dirisiwang go aba ditiro tsa ditlhabololo tse di dirwang ka madi a ditlhabololo tsa dikgoaolo tsa botlhophi, a supa fa go lejwa pele bodikontera  ba mo gae. 

Rre Kobe o tlhalositse  gore ba ba rotloetsa go thapa bangwe ka bone mo kgaolong, se e le nngwe tsela ya go tlhama mebereko ka a re ba dumela fa e le tsela ya go tlhabolola e seng motse fela, le matshelo a batho ka kakaretso.

O boletse fa gangwe le gape ba rotloetsa boradikonteraka go tsaya ditiro tse ba di abetsweng ka tlhoafalo ba itse fa tiro epe fela e ba tlaa e dirang e sedimosa go le gontsi ka dikhamphane tsa bone e bile go ka ba fa le boleng go ya pele.

Ka go rialo o rotloeditse  yo o nang le kgatlhego ya go ka tsaya karolo mo ditirong tsa ditlhabololo tsa motse gore bas seka ba ipona tsapa mme ba itse fa ba tlaa bo ba tshwere tiro ya setshaba e e tlhokang go dirwa ka botswerere le botswapelo.

Rre Kobe o ne a kgala mokgwa o o dirwang ke boradikonteraka bangwe wa go tlogela ditiro di le fa gare ba ngongoregela dikatso tsa tsone mo gantsi a reng ba felela ba sa duele babereki sentle le tiro e ba e dirang e nne e e sa kgotsofatseng.

O rotloeditse bagwebi go itse go le gontsi ka ditiro tse ba batlang go tsena mo go tsone le dipoelo tse ba ka di dirang e sere kamoso ba iphitlhela ba le mo dikolotong.

Rre Kobe o ne gape a gatelela ntlha ya gore ditlhabobolo tsa motse ke boikarabelo jwa botlhe go sa kgathalesege gore motho ke mogwebi kana jang ka a re pheletsong di solegela botlhe molemo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Juliah Kotlhao

Location : LERALA

Event : Potsolotso

Date : 06 Mar 2019