Breaking News

Kgosana o amogela thomo

06 Mar 2019

Bogosi bo supiwa ka go nna lerato le go ema nokeng setshaba se o se eteletseng pele ga mmogo le go boifa Modimo.

Se se builwe ke mopalamente wa Borolong Kgosi Letlamoreng II kwa peong ya ga Kgosi Mosako Marumoloa kwa Mogwalale  bosheng. Kgosi Letlamoreng o gakolotse gore go botlhokwa gore Kgosi Marumoloa a supe lerato mo morafeng le go reetsa dingongora tsa bone. 

O tlhalositse gape gore a itshwaraganye le bodirela puso mo motseng go thusa mo go tsiseng ditlhabololo. “Ntlotla, le morafe o reetse boeteledipele, o tlaa tswelela sentle mo tirong ya gago,” Kgosi Letlamoreng a gakolola.

Kgosi Letlamoreng o ne a gakolola morafe gore o tshwanetse go tlotla kgosi. 

O gakolotse kgosi gore o ka amogela dimpho mme a dire tiro sentle gore a kgone go bereka sentle le batho. 

E rile a amogela kgosi mo kgaolo-potlaneng ya Good Hope, Modulasetilo wa khansele Mme Maobene Molefe a gakolola kgosi gore a bereke le morafe ka botswerere le ka bonatla.

Mme Molefe o supile fa a na le tsholofelo e ntsi gore e tlaa re mo nakong e e sa fediseng pelo motse o bo o godile, ka o tlaa bo a tsentse letsogo. 

Fa amogela thomo, Kgosi Marumoloa o tlhalositse fa a itumeletse mafoko a kgothatso le dikgakololo tse batsadi ba di mmeileng pele. A re  aka seke a tlhabise bagolo ditlhong mme o tlaa tswelela a dirisanya sentle le morafe. 

O tlhalositse fa a tla a tsweledisa tema gore ditlhabololo di oketsege. Kgosi Marumoloa o amogela thomo ya morafe, morago ga gore Kgosi Monametsi Montshiwa a tlhokafale ngwagatlola. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : MOGWALALE

Event : Peo ya kgosi

Date : 06 Mar 2019