Breaking News

Borre ba rotloediwa go lwantsha kgokgontsho

06 Mar 2019

Mogokaganyi wa ditirelo tsa bolwetse jwa ADS, Rre Onkabetse Ntswetswe o rotloeditse borre go nna le seabe mo go fediseng dikgang tsa kgokgontsho ya bong tse di tsweletseng ka go gola.

Rre Ntswetswe o buile jalo mo tirelong ya letsatsi la go ruta banni ba Salajwe ka kgokgontsho.

A re go botlhokwa gore borre ba tsee boikarabelo jwa go fedisa kgokgontsho ka e le bone ditlhogo le batlhokomedi ba malwapa ka bontsi, ka jalo ga ba a tshwanela go nna bakgokgontshi.

Ka jalo a re borre ba tshwanetse ba itlama go kopa dithuso mo go ba ba maleba fa ba na le mathata go na le go itseela molao mo diatleng, ka go dira ditiro dingwe tse di seng ka fa molaong.

O tlhalositse gore kgokgontsho ya bong e ka diragala fa gare ga ga mme le rre kana e le ba bong bo le bongwe, e bile e ka diragala kwa lwapeng, tirong kana mo tseleng. A re kgokgontsho e ka nna ya dititeo, maikutlo kana ya tlhakanelo dikobo.

Rre Ntswetswe a re dipalo di tsweletse ka go supa fa bomme e le bone ba ba amilweng ke kgokgontsho thata mme e bile e dirwa ke borre, ka jalo a re seo se tsweletse ka go baya bomme mo diphatseng tsa go tshwenyega mo maikutlong, go tsenwa ke HIV ga mmogo le go nna le matsadi a dititeo.

A re seo gape se ka ama le bana mme go dire gore ba gole ba sa iketla mo moweng.

A re dipalo di supa fa 67 per cent ya bomme e angwa ke kgokgontsho ka ditsela tse di farologaneng, ka jalo a re ke palo e e kwa godimo e bile e tshwenya ka go supa fa bomme ka bontsi ba sa sireletsega.

Le fa go ntse jalo, a re borre le bone ba amilwe ke kgokgontsho, mme go supa fa bone mo lesomeng bo amega. A re borre go supa fa ba amilwe ke kgokgontsho ya maikutlo, ka jalo a re seo se supa gore borre ka bontsi ba kgokgontshiwa ka go sotlakwa ka dipuo ke bomme tse di dirang gore ba ipone ba sena boleng.

A re go supa fa go na le kgokgontsho e nngwe e e sa tlaleiweng thata le ntswa e diragalela borre thata ya go tingwa dikobo ke bomme. A re mofuta oo wa kgokgontsho o ama maikutlo a borre thata mme ba felele ba nna le dikakanyo tse di maswe.

O tlhalositse gore tlhakanelo dikobo e na le seabe se segolo mo go tiiseng lelwapa go sa kgathalesege gore a le nyalane kana ga le a nyanalana. 

Ka jalo a re ke kgang e e tshwenyang ka e tsweletse ka go godisa ditlhalano, ga mmogo le go godisa tlhoka kutlwisisanyo mo go ba ba sa nyalanang.

Rre Ntswetswe a re borre ka bontsi ba swa senku ba sa ikuele gope ka ba tshaba go tshegwa, mme a re ba tshwanetse ba ema ka dinao go leka go rarabolola mathata ao.

Kgosi Moala Gaerupe wa Salajwe o rotloeditse borre go kopa thuso fa ba na le mathata go na le go itseela ditshwetso tse di seng ka fa molaong. 

A re go na le boralekgotla ba tetlanyo, bommaboipelego le bagakolodi, ba ba ka thusang fa gona le mathata.

Kgosi Gaerupe a re le ba ba kgokgontshiwang kwa ditirong kana kwa dikoleng ba tshwanetse ba bolelela ba ba maleba go ba thusa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Nthabiseng Modise

Location : SALAJWE

Event : letsatsi la go ruta ka kgokgontsho

Date : 06 Mar 2019