Breaking News

Batawana ba batla morafe o nna le seabe mo ditlhabololong

06 Mar 2019

Bangwe banni kwa Maun ba boletse fa ba le ’bete se molangwana ka tekodiso ya ditlhabololo tsa motse ka jaana morafe o ne o sa thologela bokopano joo.

Ngongora e, e dule kwa kgotleng kgolo morago ga tekodiso ka moloadi wa Nhabe, Rre Keolopile Leipego yo o neng a ba itsese fa puso e ikaelela go tlhabololo motse go nna wa bojanala jwa motia.

Banni ba re bokopano joo, bo ne bo le botlhokwa e bile go tlhokana le gore morafe o bo o ne o tsile ka bontsi go tla go tsaya ditshwetso.

Ba re gompieno go lebega batho ba ba palo-potlana le badirela puso ba tlaa tseela morafe tshwetso.

Mongwe wa banni, Rre Maniki Nkemelang a re go a tshwenya ka gantsi bodiredi bo tseela morafe ditshwetso mme morago ba tle kwa go bone ba re ba tsile go tsaya megopolo mo go bone.

A re go itshupa sentle gore bodiredi ga bo bolo go kopana le beng ba dikgwebo tsa bojanala mme jaanong ke gone ba tlang kwa go bone. 

A re seo se kgoba marapo ka le bone bagwebi ba seyo mo bokopanong.

Rre Freddy Ramotswere le ene o ne a supa fa a tshwenngwa ke gore ba ba akolang bojanala ba bo ba seyo mo bokopanong. 

A re o ipotsa gore beng gae tota bone ba roba eng mo bojanaleng ka go lebega bo akolwa ke batswakwa fela.

A re o dumela gore Batawana ba tshwanetse go di goga kwa pele mo go akoleng bojanala jo bo fitlhelwang kwa kagolong ya bone mme a kopa molaodi go rulaganya phuthego e nngwe e e tlaa ngokang le banni ba metse e e mabapi.

Rre Dlamini Farai ene o ne a amogela mogopolo mme a supa fa a eletsa molao wa bojanala o ka sekasekwa go netefatsa gore beng gae ba nna le seabe se se bonalang.

 A re noka ya Thamalakane e kgatlha leitlho ka e na le megobe e morafe o ketemelang kwa go yone. A re puso e thuse go tlhabololo mafelo ao gore a solegele beng gae molemo ka go tlhamela banana mebereko.

E ne e rile go le pele, Rre Leipego le lekoko la gagwe ba tlhalosa ka tsotlhe tse di fitlhelwang mo Maun tse di ka ngokang bojanala jaaka mafelo a tlholego le a ngwao ba re ke dingwe tse di ka tlhabololwang go direla kgaolo madi le go tlhama mebereko.

Maun le fa a itsege ka monate, ba re ba dumela fa mafelo ao a ka tlhabololwa go nna a itloso bodutu le kwa go itapolosiwang teng.

Rre Leipego a re go botlhokwa gape go netefatse gore ga go na dikgoreletsi tse di ka kobang bajanala.

O tlhalositse fa maikaelelo magolo e ne e le go rerisa Batawana ka mogopo ba bo ba o sekaseka. 

A re ba setse ba kopane le makgotlana le batsayakarolo ka go farologana le bagwebi ba bojanala.

A re dikgakololo le megopolo ya morafe di tlaa ba thusa go isa kgang kwa pele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onalenna Mokhawa

Location : MAUN

Event : Phuthego

Date : 06 Mar 2019