Go runya ga dikereke go tshwenya khansele
06 Mar 2019
Mokhanselara wa Bojanala mo kgaolong ya Nhabe, Rre Luke Motlaleselelo a re khansele e tshwentswe ke go runya ga dikereke tse di felelang di tsenela gongwe le gongwe mme di tsosa modumo.
O kaile jalo kwa phuthegong e e neng e tshwaraganetswe ke khansele le baruti go tla go ngunaguna ka seemo se.
Rre Motlaleselelo a re sebe sa phiri ke gore dingwe tsa dikereke ga di a sala tsamaiso morago.
A re dingwe di tsenela mo malapeng fa tse dingwe di obamela mo dikgweng kwa go senang le fa e le ntlwana ya boitiketso mme seo se baya le yone tikologo mo diphatseng.
Rre Motlaleselelo o kaile fa ba lemoga botlhokwa jwa dikereke mo tlhabololong lefatshe le go bopa setshaba mme a gatelela botlhokwa jwa go rarabolola dikgwetlho tse di lebaneng dikereke.
Le fa go ntse jalo, bagolwane ba lephata la ikwadisetso mekgatlho ba ne ba gakolola dikereke go kwadisa semmuso gore ba kgone go obama ba phuthologile. Dikereke di ne tsa tlhalosediwa ka ditsetlana tsotlhe tse di tlhokegang gore ba kgone go ikwadisa.
Modulasetilo wa lekgotla le lebotlana la kabo ditsha mo Maun, Rre Obusitswe Ntirelang o gwetlhile dikereke go ikopela ditsha tsa go aga mafelo a kobamelo, a tlhalosa fa gantsi ba phatlalatsa ditsha tsa go nna jalo mo metsweding ya dikgang gore ba ba nang le kgatlhego ba ikopele.
O tlhalositse fa ba kabo ditsha ba itemogetse fa lefatshe le dirisiwa ka mokgwa o e seng one, a supa fa go dirisa lefatshe e se ka fa molaong go ka atlholelwa P10 000 kana kgolegelo.
Mogolwane go tswa kwa lephateng la botsogo le tikologo, Rre Tshireletso Koitsiwe ene o tlhalositse fa ba tlaa simolola go etela dikereke go tlhola gore a ditlamelo tse di tshwanang le metsi, matlwana a boitiketso, ditimamolelo le tse dingwe tse di tlhokegang di teng. A re fa di seyo ba tlaa tsaya dikgato.
A re go botlhokwa gore dikereke di nne le dithini tsa matlakala mme a supa fa bone ba sena thulaganyo ya go ba tseela matlakala ao.
A re go mo maruding a dikereke go bona gore ba thapa dikompone tse di ka ba thusang.
Ka jalo maloko a lekgotla la baruti le bodiredi ba dumelane gore dikereke tse di kerekang di sena teseletso di tswalwe go simolola Moranang a rogwa.
Modulasetilo wa lekgotla la baruti, Prophet Thato Elias wa kereke ya Gates of Heaven Network a re ga ba a tshwanela go tlola molao e le bogogi jwa dikereke.
A re o ipotsa gore dikereke di kgona jang go bula mabolokelo kwa dibankeng basa ikwadisa.
A re batho ba go nna jalo ke bone gape ba ba sa dueleng lekgetho.
O kopile gape gore dikereke tse di tswang kgakala di direla mo malwapeng mme di kile tsa kopa ditsha ka mabaka mangwe di thusiwe.
Bokopano joo gape bo dumalane gore ope yoo tlang mo kgaolong ka maikaelelo a go simolodisa kereke a tsene pele ka lekgotla la baruti le komiti e e tlaa tlhangwang e na le baruti le bodirela puso.
Moruti Hitller Kanyeto wa ST John mo Maun o ne a kopa gore e re ka go lebega baruti ka bontsi ba sa itse ka melawana eo ba neelwe nako ya gore ba ye go ipaakanya. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : MAUN
Event : Phuthego
Date : 06 Mar 2019




