Breaking News

Phologo o boela mo bogosing

06 Mar 2019

Mothusa tona wa merero ya tsa dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse o buseditse Kgosi Vincent Phologo wa Makopong mo setilong sa bogosi go diragatsa katlholo ya kgotla kgolo ya ditsheko e e duleng ka Hirikgong 31.

Mothusa tona o diragaditse taolo e ka Labobedi mo kgotleng ya Makopong mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa.

 O dirile jaana morago ga gore bangwe mo morafeng oo ba ise kgang kwa kgotleng ya ditsheko ba le kgatlhanong le go bewa mo setilong ga ga Kgosi Phologo.

Banni ba motse ba ne ba supa jalo gore ba ’bete se molangwana ka bogosi joo, ka jalo ba kopa gore kgotla ya ditsheko  e rarabolole kgang gore go neelwe yo ka fa molaong e le kgosi tota wa Makopong.

Fa a tlhalosetsa morafe boteng jwa kgang eo, Rre Autlwetse o ne a kaya fa e ne ya re Tlhakole a le 21, 2018 ga nna le katlholo e e neng ya ntsha Kgosi Phologo mo setilong mabapi le dikgang tse di thata tse di neng di le teng ka nako eo tse di neng di supa Kgosi Phologo ka monwana gore ga se kgosi yo o maleba wa Makopong.

Bangwe mo morafeng oo ba ne ba itela kwa kgotleng ya ditsheko  mme ka nako eo lekgotla la ntsha taolo ya gore Kgosi Phologo a se fologe go lebilwe bosupi jwa nako eo.

“Ka nako eo letlhakore la ga Rre Phologo la bo le sena kemedi. Kgang ya atlholwa mme e ne ya dira gore ka gore e ntshitswe ke kgotla kgolo ya ditsheko e diragadiwe. Rre Autlwetse o supile gore e ne ya re morago ga foo, Rre Phologo a ya go batla kemedi ya semolao mme kgang ya sekwa gape makgamu oo mabedi a emetswe ka tekatekanyo. 

Mme e ne ya re Hirikgong a le 31 kgotla kgolo ya ditsheko ya reetsa kgang morago ga foo ya laola gore Kgosi Phologo a busediwe mo setilong ka a ne a sa bonwa molato.

E re le ntswa Kgosi Phologo a buseditswe mo setilong, mothusa tona o tlhalositse gore kgang ga se gore e fedile, e a tswelelela mme ba tlaa tswelela ba rerisa morafe ka tota molao-motheo wa Botswana o ikaegile mo therisanyong, kagiso le tlotlano.

O kopile ba ba ngongoregelang tshwetso e e tserweng ke lekgotla go isa dingongora tsa bone kwa go ba ba maleba. 

A tlhalosa gore dikgang fa di le kwa kgotleng ya ditsheko ga di a tshwanela go buiwa gongwe le gongwe ka go dira jalo go ka kgotlhela bosupi mme ga itsa baatlhodi go fa dikatlholo tse di tlhamaletseng.

O kopile ba ba kgatlhanong le go tlhongwa ga ga Kgosi Phologo mo setilong gore ba tshware dipelo, ba nne le tlhompho mme ba seka ba bua ka dikgang tsa bogosi matletleisi.

 “Kgang ya bogosi ga e buiwe e rabutswa-rabutswa fela. Mantswe a yone a a tlhophiwa ka jaana re bua ka borara,” mothusa tona a kgalema.

Rre Autlwetse o tlhalositse gape gore kgang e santse e tlaa tsena, ka jalo ga go a tshwanela gore go lebege e kete ope o molato, bogolo jang yo o neng a atlhotswe gore a name a seegetswe fa thoko mo tirong.

Phuthego eo e ne e tsenwe ke mothusa mokwaledi mo lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Duke Masilo, molaodi wa Kgalagadi Rre Patson Dibotelo, Kgosi David Toto II le Kgosi Isaac Titus le modulasetilo wa khasele ya Kgalagadi Rre Meleko Thumpe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : MAKOPONG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 06 Mar 2019