Breaking News

Pula e sentse

05 Mar 2019

Banni bangwe ba metse ya Masunga le Toteng kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ba setse ba iphotlhere morago ga gore pula ya matlakadibe e senye matlo le dithoto tsa bone.

Pula eo, e e neng e patilwe ke diphefo tse di bokete, e ne gape ya diga ditlhare le mapako mangwe a motlakase, selo se se neng sa felela se baka le kgaogo ya motlakase.

Marekisetso mangwe le diofisi tsa kampa ya mapodisi a Masunga di ne tsa seka tsa falola seru seo; selo se se neng sa pateletsa ba ba amegileng go dira gotlhe go busetsa seemo mo mannong. 

Mo potsolotsong le BOPA, mothusa molaodi wa Bokone Botlhaba, Mme Itani Mathumo o tlhalositse fa kwa Masunga go amegile malwapa a le masome a mararo mme kwa Toteng gone go amegile a le lesome le motso.

Ka nako ya fa kgang e e kwalwa go ne go ise go tlhomamisiwe tlhwatlhwa ya tshenyo yotlhe e e bakilweng ke pula.

Le fa go ntse jalo, Mme Mathumo o tlhomamisitse fa ba ba amegileng ba setse ba filwe thuso ya potlako, a bolela fa bangwe ba ne ba thusiwa ka dijo le ka ditante go lebeletswe bokete jwa tshenyo.

Mothusa molaodi a re ka lesego ga go a ka ga nna le dintsho kgotsa dikgobalo dipe.

Mo go tse dingwe, molaodi wa Bokone Botlhaba, yo e leng modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgaolo, Rre Loeto Porati o gakolotse maloko a komiti eo go bereka ba le seopo sengwe le go amogana ditsompelo tse ba nang le tsone mo maphateng bogolo jang dikoloi.

Rre Porati o ntshitse kgakololo eo mo bokopanong jwa maloko a komiti eo kwa Masunga bosheng, a supa fa tshwaragano e le yone e ka ba kgontshang go itebaganya le matshwenyego otlhe a a amang ditlhabololo tsa kgaolo.

Maloko a ne gape a gakololwa ka botlhokwa jwa go nna ba ya go baya leitlho ditiro ba le setlhopha go na le gore lephata lengwe le lengwe le bo le rulaganya malatsi a lone a go etela koo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Potsolotso

Date : 05 Mar 2019