Bojalwa le motsoko di diphatsa
05 Mar 2019
Mogwebi yo motona wa bojalwa jwa Setswana, Mme Kago Masake kwa Maun, a re o tlogela kgwebo ya bojalwa le motsoko.
Mme Masake, yo o tlwaelesegileng ka leina la Mmambakata, o simolotse kgwebo ka 2007, e le kgwebo e a e tsereng e le boswa go tswa mo batsading ba gagwe.
O kaile jalo mo modirong wa ipelelo letsatsi la botsogo jo bo eletsegang la borwa jwa Afrika, o o neng o rulagantswe ke bana ba sekole sa ithutelo tiro ya booki sa Francistown Institute of Health Science kwa Maun bosheng.
O supile fa a ithutile go le go ntsi mo letsatsing leo, a kaya fa botsogo jwa ba le bantsi bo le mo diphatseng ka lebaka la bojalwa le motsoko wa gagwe.
‘’Ke batla go tlogela kgwebo ya bojalwa le motsoko ka gore ke lemogile gompieno gore ke tsentse batho ba le bantsi mo diphatseng,’’ a tlhalosa.
O ne a supa fa a utlwa botlhoko ka lebaka la gore ene le ba lelwapa la gagwe ba sa je se ba se rekisang, ka jalo ba bolaya ba bangwe, selo se a supileng se mo rotloetsa go tswa mo kgwebo eo.
Mme Masake o supile fa ka 2010 a ne a iteka lesego la go ikwadisetsa lenaneo la nyeletso lehuma gore le mo thusa go dira kgwebo e sele, mme ka maswabi a seka a atlega.
A re o lekile mananeo a Gender Affairs, mme le teng a seka a atlega ka lebaka la gore kgwebo e a neng a e eleditse go ka e dira e ne e tlhoka gore a bo a na le batho ba le bararo gore ba kgone go fiwa madi a a lekaneng.
‘’Ke eletsa go boela kwa go bone ba Gender Affairs monongwaga go ya go iteka gape. Ke eletsa le gone go ka rua dipodi kana dikoko tsa mae le nama ka gore nna ke mosadi wa kgwebo,” a tswelela.
Mme Masake o supile gape fa a eletsa go ikopanya le bommasepoto ba bangwe mo motseng gore ba kgone go tsena maneneo a Gender Affairs a a tlhokang palo ya batho ba ba fetang bobedi.
“Fa bommasepoto botlhe ba ka kgona go bona mananeo a Gender Affairs le a nyeletso lehuma, go ka thusa mo go lwantsheng seemo sa malwetse a a bakwang ke bojalwa le metsoko e gantsi re e rekisang mo malwapeng,’’ a akgela.
Mme Masake, yo o direlang kgwebo ya gagwe mo lwapeng kwa Botshabelo, o supile fa bontsi jwa borre, banana le bomme ba etela madirelo a gagwe ka bontsi, selo se a supileng se mo rotloeditse go tswelela mo kgwebo eo.
Le fa go ntse jalo, o galaleditse lephatla la botsogo le bana ba sekole sa IHS go bo ba mo laleditse mo modirong wa bone.
“Bana ba sekole sa IHS ba ne ba tsena kwa lwapeng la me beke e e fetileng ba le mo lenaneong la bone la go sekaseka botsogo jwa rona re le banni ba Maun, selo se se nthotloeditseng go tla modirong wa bone,’’ ga bua Mme Masake.
O supile fa a tlaa tswelela ka go ikopanya le ba botsogo go ithuta go le gontsi ka malwetse a a sa tshelanweng le gore o ka ruta jang bommasepoto ba bangwe gore ba kgone go felela ba tlogetse dikgwebo tsa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keswetseng Samokunda
Location : MAUN
Event : Letsatsi la botsogo
Date : 05 Mar 2019




