Breaking News

Emisang go nyenya puo ya Setswana

05 Mar 2019

Kgosana wa kgotla ya Boseja mo Mahalapye, Kgosi Letsogile Toteng a re ga a jesiwe diwelang ke karolo nngwe ya setshaba e e nyenyang puo ya mo gae.

E rile a bua kwa moletlong wa ngwao bosheng o o neng o rulagantswe ke ba sekole sa ithutelo tiro tsa diatla sa Madiba brigade mo Mahalapye, Kgosi Toteng a tlhalosa fa puo e le pinagare ya ngwao, ka jalo e tshwanetse ya tlotlomadiwa ka dinako tsotlhe.

A re go a makatsa go bona Batswana bangwe ba le motlotlo ka go bua diteme tse di adimilweng mo mafatsheng a mangwe, mme ba nyefola tsa mo gae.

O ne a supa fa go tshwenya go bona ngwana wa Motswana a palelwa ke go rulaganya seele se se feletseng ka puo ya gagabo kgotsa ya Setswana.

Kgosi Toteng a re banana ba malatsi a gompieno ba bua puo ya Setswana ba e kopanya le ya Sekgoa e seng ka gore ba di itse tsotlhe, e le fela gore ba sokola go dirisa puo ya mo gae ka botlalo.

Le fa go ntse jalo, Kgosi Toteng o akgotse Madiba brigade ka go lemoga seo, mme ba dira maiteko a go gakolola basha go lemoga se ba leng sone.

A re o dumela gore tsotlhe tse di neng di rulagantswe di akaretsa tsamaiso ya tseo ya Setswana le metshameko di tlaa bula bana ba sekole seo matlho gore ba kgone go somarela ngwao.

Kgosi Toteng a re bogologolo bana ba ne ba rutwa go tlotla mogolo mongwe le mongwe e seng fela batsadi ba bone, ka jalo ba ne ba felela ba ikgapha mo go direng sepe se se duleng mo tseleng ka go itse gore matlho a setshaba a ba lebile.

“E ne e re fa ngwana wa mosimane a tswa letsomong, a tla a bolaile lesogo gone go se molato gore o ka le abela motsadi ope fela yo o gaufi le ene.”

O ne a supa gore tsamaiso ya gore ngwana ke wa mongwe le mongwe e ne e thusa le go gomotsa batsadi ba ba timilweng thari ka gore le bone ba ne ba kgona go kgalema le go laola bana. 

O supile fa tsamaiso eo e nyeletse e bile bana ba sa tlotle bagolo ba e seng batsadi ba bone.

Kgosi Toteng o ne a supa gore ngwao ga se selo se se elwang sekoleng, e ithutwa mo bagolong, ka jalo fa bagolo ba latlha ngwao bana ba felela ba latlhegelwa ke tsela ka go sena sefalana sa dikitso se ba ka anyang mo go sone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaotlhobogwe Orefile

Location : MAHALAPYE

Event : Moletlo wa ngwao

Date : 05 Mar 2019