Ntlwana ya boitiketso e botlhokwa
05 Mar 2019
Mogolwane go tswa kwa khamphaneng ya ditena ya Makoro Bricks, Rre Kennedy Nxube a re bontsi ga bo tlhaloganye botlhokwa jwa ntlwana ya boitiketso mme fela jaaka dijo, diaparo le bonno, e botlhokwa mo matshelong a batho.
Rre Nxube a re ntlwana ya boitiketso e kganela malwetse a a ka anamisiwang ke leswe la motho fa e dirisiwa ka nako tsotlhe.
Fa go ne go kgonagala, a re batho ba ka bo ba aga matlwana mo malwapeng pele ga ba aga matlo a borobalo.
Rre Nxube o ne a bua kwa moletlong wa go rolela semmuso Mme Oathotse Ramatshosa ntlwana ya boitiketso kwa Moshopha e e agilwaeng ke badiri ba lephata la temo-thuo ba ba direlang kwa Machaneng.
Ntlwana ya boitiketso a re e fetola seriti sa motho.
“Mme Ramatshosa o tlaa simolola go etelwa le ke ba ba ntseng ba sa mo etele ntateng ya letlhoko la ntlwana.”
Mogokaganya mananeo a temo- thuo kwa kgaolong ya legare, Rre Moagi Sinombe a re badiri ba lephata la temo-thuo go tswa kwa Machaneng ba ne ba bona go tshwanela gore ba agele motlhoki ntlwana ka ba dira le batho ba le bantsi, bogolo jang balemi-barui.
A re lephata la gagwe ga le a itebaganya fela le tsa temo-thuo mme le kgona go tsaya nako go direla setshaba.
Lephata la temo-thuo a re le rotloetsa balemi-barui go nna le matlwana a boitiketso kwa masimong, meraka le kwa magaeng, go kganela bolwetse jwa mabele jo bo fitlhelwang mo diruiweng di tshwana le dikgomo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : LERALA
Event : Go rola ntlwana
Date : 05 Mar 2019




