Breaking News

Komiti e kopa borre go fetola maitsholo

05 Mar 2019

 Modulasetilo wa komiti ya borre ya Tonota Men Sector, Rre Kago Sephobe a re nako e gorogile ya gore borre ba fetole maitsholo a bone mme ba nne le boikarabelo mo botsogong jwa bone.

Rre Sephobe o buile jaana  kwa pitsong ya borre e e neng e rulagantswe ke ba Tonota Men Sector kwa kgotleng ya Tonota bosheng.

A re go lemotshegile fa borre ba le maoto a tshupa fa go tla mo go tseyeng boikarabelo mo botsogong jwa bone.

O boletse fa bangwe ba borre ba na le tumelo ya gore go ya kokelong fa ba utlwa botlhoko bope fela mo mebeleng go supa fa e se banna ba sepe. 

A re borre bao ba felela ba ya kokelong bolwetse bo setse bo keketse gongwe e bile bo sa tlhole bo laolesega.

O tlhalositse fa borre ba diega go ya dikokelong fa ba lwala e bile ba itlhatlhobela malwetse a tshwana le sukiri, kgotlholo e tona, madi a matona le HIV ka boutsana.

A re go tlhoka go itlhatlhobela malwetse le go diega go tsaya kalafi ga borre go ka ba baya ka fa mosing mo bangwe ba felelang ba tlhokafala.

O supile matshwenyego ka borre ba ba dirisang maduo a HIV a bakapelo ba bone gore ke a bone, a kaya fa e le phoso e kgolo ka maduo a baratani a kgona go farologana.

Rre Sephobe a re borre bangwe ba kopanya dipilisi tsa di ARV le bojalwa kgotsa motsoko, mme a re go dira jalo go kotsi ka dipilisi tseo di ka seke di tlhole di bereka.

O ne a kopa borre go dirisa sekausu ka dinako tsotlhe fa ba tlhakanela dikobo le go lebagana le mokapelo a le mongwe fela go itshireletsa mo mogareng wa HIV.

A re malwetse a mangwe a borre ba tshwanetseng go nna podimatseba ka one ke a kankere ya setha kgotsa ya kgetsi ya bonna, sukiri, madi a matona, kgotlholo e tona le malwetse a dikobo, ka jalo a ba kopa go itlhaganela go ya go itekodisa kwa kokelong fa ba itemogela dikai tsa malwetse a.

O tlhalositse fa go itshidila mmele le go ja dijo tse di itekanetseng le gone go ka sireletsa borre mo malwetseng.

O buile fa dijo di tshwana le mafura a mantsi le letswai le lentsi di le borai mo botsogong jwa motho, mme a gakolola borre go ja merogo le maungo a mantsi gore ba kgone go itekanela mo mmeleng le go sireletsega mo malwetseng.

A re tiriso botlhaswa ya nnotagi kgotsa motsoko le yone e ka ama botsogo jwa borre ka e ka ba biletsa malwetse a pelo, makgwafo gammogo le kankere ya legano.

E rile fa a tlhalosa ka lekgotla la Men Sector, Rre Sephobe a kaya fa lekgotla le le tlhamilwe ka 2000 nako tse bolwetse jwa AIDS bo neng bo ganyaola batho ka mmetela mo lefatsheng leno.

A re mokgatlho o o tlhametswe borre go leka go ba rutuntsha ka botlhokwa jwa go tsaya botsogo jwa bone ka tlhoafalo, mme e bile mokgatlho o o setse o gasame le Botswana otlhe.

O kopile borre go inaakanya le mokgatlho wa Men Sector ka o setse o thusitse borre ba le bantsi go fetola maitsholo a bone e bile mokgatlho o agile borre ba motia ba ba nang le boikarabelo.

Mo go tse dingwe, Kgosi Bokamoso Radipitse wa Tonota o ne a supa matshwenyego ka go bo borre ba amega go feta bomme mo maitsholong a a makgasa jaaka go kgokgontsha bomme le bana, pheteletso ya nnotagi, dikotsi tsa tsela, dipetelelo le go tlhoka go  tlhokomela bana.

A re ke nako ya gore borre ba fetole maitsholo a bone ka e le ditlhogo tsa malwapa e bile tshireletsego ya bana le bomme e le mo maruding a bone.

E ntse e le gone kwa pitsong eo ya borre, makalana a botsogo ka go farolagana a ne a tlhatlhobela borre mogare wa HIV, madi a matona le sukiri. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Festus Outule

Location : TONOTA

Event : Pitso ya borre

Date : 05 Mar 2019