Breaking News

Banana ba kereke ya ABFGAC ba supa bopelotlhomogi

04 Mar 2019

Banana ba kereke ya ABFGAC mo kgaolong ya Lerala/Maunatlala ba eme ka dinao go lwantsha botlhoki mo kgaolong ya bone ka go thusa banana ba bangwe ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.

Fa a bua kwa kgotleng ya Majwaneng ka letsatsi la go abela masiela dimpho tse di akaretsang melora, mogokanyi wa kereke eo, Rre Abraham Selelo a re maikaelelo a bone ke go lwantsha dikgwetlho ka go supa mowa wa bopelotlhomogi mo go bangwe ka bone.

A re mo bokopanong jwa bone e le banana ba kereke ya ABFGAC jwa ngwaga le ngwaga jo ba neng ba bo tshwaretse gone mo Majwaneng ngogola, ba ne ba thulanya ditlhogo go tswa ka megopolo ya gore ba ka thusa jang metse e e mo kgaolong ya bone.

A re gape ka go supa mowa wa bopelotlhomogi maikaelelo ke go ngoka banana ba ba mo mekgwatlheng go atamela Modimo.

A re ka thuso ya ofisi ya boipelego mo metseng e ba tshwarelang bokopano mo go yone ba ka tsisa tsholofelo ya botshelo mo go ba ba tlhokileng lesego mme pheletsong ba inaakanya le go tsena kereke.

Fa a tswa la gagwe, mookamedi wa kereke eo mo Ratholo, Rre Joshua Kedumetse a re ntswa kereke ya bone e le nnye ba tsweletse ka go thusa setshaba mo dikgwetlhong tse ba kopanang le tsone.

Rre Kedumetse a re e le kereke ya ABFGAC ba ikaegile ka mafoko a Baebele a a reng ‘go sego letsogo le le abang go na le le le amogelang,’ a kaya fa a rotloetsa Batswana go supa lerato le mowa wa bopelotlhomogi.

A re go botlhokwa gore dikereke di eme ka dinao go tshwaragana le puso ka go supa mowa wa bopelotlhomogi, a kaya fa seo se ka busetsa seriti mo go ba ba tlhokileng lesego mo botshelong.

Mo boemong jwa ofisi ya boipelego ya Majwaneng, Mme Oaitse Mmagoajewa o ne a lebogela kereke ya ABFGAC ka dimpho tseo, a supa fa ofisi ya bone e tlaa abela bana ba masiela ba le masome mane le bone mephuthelwana ya melora.

Mme Mmagoajewa o ne a kopa kereke eo go tswelela ka go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Selina Samson

Location : MAJWANENG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 04 Mar 2019