Baithuti ba baoki ba abela motlhoki
04 Mar 2019
E ne ya re bosheng baithuti ba baoki go tswa kwa sekoleng sa booki sa Serowe ba ba neng ba tsile go tsweledisa dithuto tsa bone kwa kokelwaneng ya Lerala ba abela lelwapa lengwe le le tlhokileng lesego pompo ya metsi kwa motseng oo.
Baithuti bao ebong Borre Onalethata Nkari, Kgomotso Gaabetwe, Calvin Kwitshane le Mme Tuduetso Mokgathi e ne ya re fa ba abela Mme Dikeledi Ralobe pompo kwa kgotlaneng ya Mathalagane ba bolela fa se e le nngwe ya ditiro tsa bopelo tlhomogi tse ba dumelang fa go le botlhokwa go di diragatsa mo setshabeng e le badirela puso.
Baithuti ba ba tlhalositse fa ba ne ba le mo ithutuntshong ya dikgwedi tse tharo mo kokelwaneng ya Lerala mme ba bona go le matshwanedi gore ba tlogele sekao sa bone e le ba botsogo ka go tsenyetsa Mme Ralobe pompo ya metsi ka ba ne ba itemogetse fa go na le letlhoko mo lwapeng leo.
Mo boemong jwa baithuti ka ene, Rre Nkari o tlhalositse fa metsi e le botshelo a na le karolo e tona e a e dirang mo botsogong jwa motho.
Ka jalo o boletse fa ba dumela gore mpho e ba e fileng lelwapa la ga Mme Ralobe e tlaa tlhofofatsa matshelo a bone le botsogo jwa bone.
Baithuti ba ba ne gape ba tsholetsa selebego sa kokelwana ya Lerala ka go dira mokwalo fa pele ga yone.
Ka thuso ya ba ofisi ya mopalamente wa Lerala/Maunatlala baithuti ba boletse fa ba ne ba kgona go kokoanya dimpho di akaretsa dikobo, diaparo le ditlhako tsa bana tsa sekole tse le tsone ba neng ba di abela lelwapa la ga Mme Ralobe.
Ba bile ba lebogela thotloetso le kemonokeng e ba e filweg ke Kgosi Ookeditse Shaw kgosi wa Lerala, mokhanselara wa Lerala Botlhaba Rre Kabo Ketshogile le ba koporase ya metsi mo Lerala.
Mme Ralobe o ne a amogela dimpho tseo ka lorato a supa fa a na le dingwagangwaga a nna ntleng le pompo ya metsi mo lwapeng la gagwe.
Ka jalo o ne a lebogela maiteko a a dirilweng ke bone jo ka go bo ba bone go tshwanela gore ba mo tswe thuso a kgone a tsenyediwe pompo ka bofefo.
O ne a ba eleletsa masego le katlego mo dithutong tsa bone a bo a ba rotloetsa gore ba tshware fela jalo le kwa ba tlaa bong ba ya go berekela teng ba nne ba direle setshaba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Juliah Kotlhao
Location : LERALA
Event : Kabo dimpho
Date : 04 Mar 2019




