Breaking News

PBRS e ntsha maungo a a molemo

04 Mar 2019

Mothusa mokwaledi wa khansele-potlana ya Mogoditshane/Thamaga Rre Losika Mosarwa a re lenaneo la puso la Performance Based Review System (PBRS) ke konokono mo go ntsheng maduo mo tirong gongwe le gongwe fa modiri a berekelang teng mo pusong. 

O buile jaana mo kabong ya dietsele tsa khansele-potlana ya Tsabong e e neng e tshwerwe ka Labotlhano go lemoga badiri ba ba dirileng ka natla le botswerere mo ngwageng wa madi wa 2018/2019. 

A re mmereki mongwe le mongwe wa puso o tshwanetse go baya monwana PDP morago ga tshekatseko ya mogolwane wa gagwe, e le tsela ya go kala ka fa a dirang ka teng ka seo se ka mo thusa gape go baakanya makoa a gagwe fa a tlhaelang teng. 

O boletse fa modiri mongwe le mongwe wa khansele a tshwanetse go bereka ka tlhoafalo go tlhomamisa gore maitlamo a go isa ditirelo tsa maemo a ntlha kwa setshabeng ka nako a a atlega. 

A re modiri mongwe le mongwe o tshwanetse go sala morago le go ithuta ditsetlana tsa go thusa setshaba ka fa tshwanelong (10-Point Agenda) go sala molao o o laolang bodirelapuso le ditsetlana di akaretsa go nna le boikarabelo mo tirong, go direla dilo mo pontsheng, go ikgapha mo tshenyetsong setshaba, dilo tse a supileng fa di ka thusa go isa lefatshe leno kwa pele.

Rre Mosarwa o ne a phophotha legetla ba ba dirileng sentle mo ditirong tsa bone ka bongwe ka bongwe mme ba abelwa dietsele.

O ne a kgothatsa ba ba sa amogelang sepe gore ba seka ba kgobega marapo ka le bone ba na le seabe mo katlegong ya ba ba ntshitseng tlhogo le mo go kgoneng maitlamo a khansele. 

A re ka dinako tsotlhe mmereki mongwe le mongwe wa puso o tshwanetse go ititaya ka thupana go dira ka botswerere fa ba thusa setshaba ka e le bone bahiri ba bone mme ba tshwanelwa ke go ba itumedisa. 

 Fa a amogela baeng le go bua maikaelelo a kabo dimpho, mothusa mokwaledi wa khansele-potlana ya Tsabong Rre Jimmy Mackenzie o boletse fa moletlo o diretswe go lemoga tiro e ntle ya bodiredi e ba e dirileng ka bonokopila mo ngwageng wa 2018/2019. 

O boletse gape fa maikaelelo a mangwe e le go itshekatsheka mo tirong le go tla ka maano a go fedisa dikgwetlho, go rutana le go tokafatsa fa ba tlhaetseng teng.

A re tiro e gape ke thotloetso ya mowa wa go dira mmogo ba tshwaraganye ka seo se ka ba thusa go tswelela ba dira botoka. 

Mokwaledi wa khansele ya Kgalagadi Mme Baipelelang Photlokwe o ne a supa fa bodiredi jwa khansele-potlana ya Tsabong bo tswa kgakala bo dira bontle mo go tlhomamiseng gore khansele ya Kgalagadi e tswelela e diragatsa maitlamo le mananeo go goroga kwa setshabeng ka nako le ntswa bo lebanywe ke dikgwetlho. 

O boletse fa khansele-potlana eo e simolodisitswe ka 2011 mme e setse e itshetletse mo nakong ya gompieno, ka jalo a gwetlha badiredi go tswelela ba dira le maphata a mangwe, ba–na–le seabe botlhe ka tshwaragano e le yone konokono mo go iseng kkansele kwa pele. 

Bangwe ba babereki ba khansele potlana ya Tsabong ba akaretsa maphata a a gaisitseng a mangwe, modiri yo o gaisitseng ba bangwe mo ngwageng le mo kgweding, yo tiro ya gagwe e tokofatseng, yo o ntshitseng tlhogo mo go ba bangwe ka bongwe ka bongwe ba kgaogantswe ka sekale sa ABCD ba ne ba fiwa dietsele. 

Sekole se se gaisitseng tsa dingwe sa Kisa mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa, VDC, banana ba tirelo setshaba le Internship Programme ba ne ba neelwa dimpho le ditlankana. 

Mme Alice Ntwaagae go tswa mo lekalaneng la ditsela mo khanseleng-potlana eo e ne ya nna ene mofenyi wa seetsele sa yo o ba gaisitseng botlhe. 

Setlhogo sa letsatsi e ne e le ‘go nonotsha ditirelo tsa tlhwatlhwa ka bodiredi jo bo tiisitsweng moko. BOKHUTLO

 

 

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : kabo dietsele

Date : 04 Mar 2019