Breaking News

Welfare society e abela batlhoki

04 Mar 2019

 Ba Tlokweng Welfare Society ba abetse bagogi jwa Tshwaane dimpho tse di farologaneng di akaretsa diaparo, ditlhako, dikobo, kolotsana ya ba-na-le bogole, diaparo tsa sekole, motshine o o tlholang selekanyo sa madi, dibuka le dilo tsa metshameko, gore di tle di abelwe ba ba tshwanetseng.

E rile a tlhalosa ka mokgatlho oo, mongwe wa maloko, Rre Zanool Arbi, a re ke tumelo ya Muslim go thusa ba ba tlhokang ka gore go sego letsogo le le abang.

O tlhalositse fa mokgatlho o o simolotse o thusa kwa Tlokweng, mme ba tla a tswelela ba thusa le ba metse e mengwe.

Rre Arbi o tlhalositse fa dithuso tse ba di abang ba di bonye ka go anamisa mo dikerekeng tsa Muslim kwa Gaborone, mme di ntse di tsweletse ka go goroga. A re ba Muslim ba tlaa tswelela ba thusa banni ba Tshwaane ka dithuso tse di farologanyeng jaaka tsa bongaka.

Modulasetilo wa mokgatlho oo Rre Ameen Moorad o ne a tlhalosa fa motho e le motho ka batho, a supa fa dithoto tseo di tlaa kgaoganngwa mo nakong e e tlang, a tswelela a tlhalosa fa ba abile le piano gore bana ba tle ba ithute moopelo.

Rre Moraad o tlhalositse fa go ka nna molemo gore mo nakong e e tlang go nne le sethakga sa moopelo se tswa mo Tshwaane.

 O tlhalositse fa dimpho di tlaa kgaoganngwa ka maphata jaaka kokelwana, sekole le VDC, a bo a tlhalosa fa kereke ya Muslim e le ya mongwe le mongwe fela, a tlhalosa fa Batswana ba le bantsi ba e tsena.

E ne e rile a amogela baeng, moemela kgosi Rre Palo Sengawana a tlhalosa fa ba itumelela ba bo ba amogela boora Moorad ka jaana ba godile ba ba itse.

Fa a lebogela dimpho tseo Mokhanselara Beauty Bogale o ne a tlhalosa fa e le tshimologo ya tse dintle, a bo a kopa banni go rapelele baabi ba tsone gore Modimo o tswelele o ba segofatsa. 

BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : TSHWAANE

Event : Kabo dimpho

Date : 04 Mar 2019