Breaking News

Jansen o itshetsa ka ditlhare le mebutla

04 Mar 2019

 E re ka Motswana a rile e a re go tlogelwa tsatsing se ikise meriting, Mme Kelapile Jansen yo o itshetsang ka ditlhare le mebutla o dirile fela jalo.

Mme Jansen wa Tsabong yo o dingwaga di masome matlhano le boferabobedi o boleletse BOPA bosheng gore o simolotse kgwebo ya ditlhare ka 2010, ka a ne a lemoga fa botshelo bo le bokete, bogolo jang ka monna wa gagwe yo e leng ene yo o neng a tsisa dijo mo lwapeng a ne a tlhokafala.

A re o simolotse ka go reka ditlhare mo mogwebing mongwe kwa Gaborone nako nngwe a etetse teng.

“Nna ke ne ke di itheketse fela go lema ke jela mo ganong le go kgabisa lelwapa, mme ka lemoga fa nka oba letsogo ka batho ka bontsi bogolo jang bomme ba ne ba di kgatlhegela.

Mme Jansen a re go lemoga fa batho ba rata kgwebo ya gagwe ya ditlhare tsa maungo, meriti le tse di kgabisang, o ne a tsenya marapo dinameng ka go lema di le dintsi tse di ka kgonang go mo tsenyetsa letseno le le botoka.

Mme Jansen o boletse fa a ne a oketsa ka go lema merogo, selo se a supileng fa se ne sa mo tlodisa melatswana.

O kaile fa ka dinako dingwe a ne a thapiwa go kgabisa kwa manyalong le ka nako ya mediro kwa dikgotlengi.

A re ngogola o ne a ya go supa ditlhare kwa ditshupong tsa temo-thuo mo Tsabong, mme a ikgapela maemo a ntlha ka setlhare sa Elephant, mme a fetela kwa Gaborone kwa dikgaisanyong tsa makgaolokgang. O tlhalosa fa a ne a ikgapela maemo a bobedi.

Mme Jansen a re ka 2012, o ne a kgatlhegela thuo ya mebutla ya sekgoa, mme a reka mebutla e le mebedi o motonanyana le o monamagadi ka P600.

A re e ne ya tsala mme ya oketsega go nna masome a matlhano le bone, mme mo nakong ya gompieno o setse a rekisitse e le lesome le bobedi. Selo se a reng se fetotse botshelo jwa gagwe fela thata, ka jaanong a kgona go bona dipoelo tse di botoka ka a kgonne go baakanya ntlo ya gagwe le go ipeela sengwe mo posong.

A re gore mmutla o ntshe maduo, o tshwanetse go o fa lorato le go o tlhokomela ka furu e e rekwang kwa BAMB, matlape a merogo, mmidi o o bidisitsweng le metsi.

Mme Jansen yo o tlwaelesegileng ka go bidiwa Mmakabo a re mmutla o le mongwe o kgona go tsala mebutlanyana e le lesome kana go feta foo, go tswa fela gore o e tlhokomela jang.

Mme Jansen o boletse fa a setse a na le bareki ba le bantsi.

A re gape o itshetsa ka thuo ya dipidipidi tse a supileng fa di kgatlhegelwa ke banni ba motse, ka gore fa o di ruile ga o tshwenngwe ke digagabi di tshwana le dinoga le diphepheng.

O supile fa a itshetsa le ka dinotshe ka go rekisa mamepe a tsone, mme a di tlhokomela ka dithunya tsa sonobolomo.

A re monongwaga o ikaelela go ya go supa mebutla, dipidid, merogo, ditlhare le dinotshe kwa ditshupong tsa kgaolo.

A re dingwe tsa dikgwetlho ke letlhoko la metsi le lefelo le le phuthulogileng le a ka kgonang go ruela mo go lone mebutla le go lema merogo le ditlhare. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Posolotso

Date : 04 Mar 2019