Koporase ya motlakase e tlaa atolosa ditlamelo
03 Mar 2019
Mananeo a puso a ditlhabololo a NDP 10 le NDP 11 a file ba koporase ya motlakase (BPC) sebaka sa go atolosa ditlamelo tsa bone ka go di isa kwa metse e golelang teng.
Mogolwane kwa ofising ya BPC kwa Lerala, Rre Keolitile Kgame o boletse mo potsolotsong fa mo kgaolong ya Tswapong Bokoni ba tlaa diragatsa thulaganyo e mo metseng e le mmalwa e akaretsa Lerala, Maunatlala le Manaledi.
O boletse fa tiro eo e solofetswe go simolola mo nakong e e sa fediseng pelo, mme a re ba solofela gore ba bo ba weditse go gokela motlakase mo mafelong ao otlhe ka Lwetse.
O tlhalositse fa thulaganyo eo e tlaa fa ba ba amegang, tshiamelo ya go duela sephatlo sa madi a a lopiwang go gokelela motlakase e leng dikete tse tlhano le makgolo a marataro a dipula fela jaaka mongwe le mongwe.
Rre Kgame o boletse gore o na le tsholofelo ya gore bangwe ba beng gae ba tlaa thapiwa go thusa mo tirong eo, fela jaaka e le tlwaelo fa go nna le ditlhabololo mo motseng.
Mokhanselara wa Maunatlala, Mme Salome Lesole o boletse fa a amogetse thulaganyo e mo kgaolong ya gagwe ka tsoo-pedi, mme a lebogela puso maiteko ao go menagane. A re ke sesupo sa gore puso e lemoga botlhokwa jwa go anamisa ditlamelo, selo se a reng se baka kgolo le tlhabologo ya metse.
Mme Lesole o ne a supa fa mo kgaolong ya gagwe, kgokelo eo e tlaa ama kgotlana ya Maforaga le ditsha tse di fa morago ga diofisi tsa sepodise.
O ne a tlhalosa fa bontsi jwa ditsha tseo e le tsa banana, ka jalo go le botlhokwa gore ba akole ditlamelo di tshwana le kgokelo ya metsi le motlakase.
Mme Lesole o ne a kopa morafe ka kakaretso go rema ditlhare mo ditsheng tsa bone, le gore di seka tsa senya ditlamelo tse di tlang mo motseng.
O ne a supa fa go tlaa nna le difatlhego tse disha mo motseng, mme a kopa beng gae go di amogela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Juliah Kotlhao
Location : LERALA
Event : Potsolotso
Date : 03 Mar 2019




