Go isa ditlamelo kwa bathong go botlhokwa
03 Mar 2019
Molaodi wa Borwa Rre Mmoloki Raletobana o gateletse botlhokwa jwa gore maphata a puso a ne a tswa mo diofising go ya go fa Batswana ditlamelo kwa ba leng teng.
Rre Raletobana yo o neng a bua kwa Ralekgetho kwa badiri ba maphata a puso ba neng ba isitse ditlamelo teng bosheng, a re maikaelelo ke go lemotsha Batswana gore puso e kgathala ka gore ditlamelo di goroge kwa go bone.
Molaodi o supile fa mopalamente le mokhanselara ba ne ba lemotsha fa banni ba Ralekgetho ba na le mathata a go bona ditlamelo, bogolo jang tsa go dira le go ntshafatsa Omang.
O ne a kgothatsa banni ba Ralekgetho le metse e e mabapi go kopa dithuso tse ba di tlhokang mo maphateng a a neng a ba dule letsholo ka maikaelelo e le gore ba akole ditlamelo.
Rre Raletobana a re ba kgaolo ya Borwa ba ikaelela go isa ditlamelo kwa dikgaolong di le nne mo ngwageng.
Fa a amogela baeng, Kgosi Kgomotso Selotlego o ne a bolela fa ba na le mathata ka tsela ya Moshupa-Ralekgetho-Pitseng e e leng yone e dirisiwang go bona dithuso kwa Moshupa.
O rile banni ba metse eo ba feditswe ke dikotsi mo tseleng eo.
Mo go e nngwe kgang, kgosi o ngongoregile ka gore ofisi ya gagwe ga e na setlanyo ntswa a na le boikarabelo jwa go beela batho monwana kwa kgotleng.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Mme Tuelo Lekgowa o ne a lebogela go tsisiwa ga ditirelo, a tlhalosa fa go se na ngwaga o o tlolang ba sa tsisediwa ditlamelo mo motseng.
O lebogetse gape gore motse wa Ralekgetho o abetswe sedikadike sa dipula go dira ditlhabololo di tshwana le matlo a boroko a badirela puso.
E rile a ntsha la gagwe, mopalamente wa Moshupa/Manyana Rre Karabo Gare a ikaya fa a bua a sa kgale mathe kwa palamenteng gore tsela ya Moshupa-Ralekgetho-Pitseng e tshelwe sekontere.
A re ka jalo puso e solofetsa fa tsela eo e tlaa dirwa ka e sa tswa go adima madi kwa China.
Sebui se sengwe, mokhanselara wa kgaolo Rre Omphile Motlhajoe o rile fa ditsompelo di ne di le teng, o ka bo a re go isa ditlamelo kwa bathong go dirwe morago ga dikgwedi tse pedi dingwe le dingwe go akarediwa mafelo a mangwe jaaka Mogonono, Dikhudu le Sehibidu.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ikotlhaeng Rantopele
Location : KANYE
Event : Bokopano
Date : 03 Mar 2019




