Rural metro e tshwenyegile
03 Mar 2019
Mogolwane mo komponeng e e itebagantseng le go tima molelo ya Rural Metro Botswana kwa Molepolole Rre Kabo Sekompane o gakolotse ka botlhokwa jwa go nna le mabotlojana a a timamg molelo mo matlong.
Fa a bua mo potsolotsong o ne a re se se ka thusa go kgaupetsa molelo o ise o kekele.
A re mo mabakeng a le mantsi batho ba na le go lebala go tima didirisiwa tsa motlakase fa motlakase o ka kgaoga mme didirisiwa tseo di kape molelo fa motlakase o boa banni ba se yo.
O ne a tlhalosa fa go le botlhokwa go begela ba ofisi ya gagwe molelo o o tlhagogang o santse o le mosha gore ba tsiboge nako e santse e le teng go na le go ba itsese fa ba bona molelo o setse o ba fekeetsa.
Le fa go le jalo, Rre Sekompane a re e le ba Rural Metro Botswana ga ba itumelele boitsholo jwa baagi ba motse oo.
O supile fa baagi bangwe ba na le go ba leletsa ba supa fa go tlhagogile molelo mme e re go tseneng kwa lefelong le le kuetsweng leo ba fitlhele naga e ntse tshetlha.
O kaile fa go dira jaana e le boitsholo jo ba sa bo rotloetseng ka dikgang tsa go tlhagoga ga molelo e se matshamekwane.
O ne a kopa batsadi go bua le bana go emisa go tshameka ka go leletsa kompone ba e biletsa dibaka. Rre Sekompane o supile fa dikgang tsa go tlhagoga ga molelo di tsweletse ka go tshwenya.
A re se se dirwa ke mabaka a a farologaneng a akaretsa go tshameka ka mabokoso a mokgwaro ga bana, go tlhoka go tlhagola malwapa le go tlhoka mabotlolo a a timang molelo mo matlong.
A re melelo ya mo nageng le yone e tsweletse ka go tshwenya mme a kopa ba ba tshubang diphikwe go itsese lekalana la gagwe pele ga ba dira jalo gore ba nne ba le malala a laotswe.
O supile fa melelo e e tlhagogang kwa nageng ele borai ka e bolaya diphologolo le ditshidinyana.
Rre Sekompane o ne a wetsa ka go supa fa tiro ya bone e se go tima molelo fela, mme e akaretsa go thusa batho ba ba kaalaletsweng mo dikoloing fa go na le dikotsi tsa tsela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keorapetse Kgomotso
Location : MOLEPOLOLE
Event : Potsolotso
Date : 03 Mar 2019




